Kopo ya go fetolwa ga laesense e e seng ya mono
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Dilaesense tsa go kgweetsa tse di rebotsweng kwa dinageng tse dingwe mme di dumelelwa mo Aforika Borwa di tla fetolelwa go mofuta wa dilaesense tsa dikarata fa beng ba tsona ba dira kopo ya laesense ya Aforika Borwa go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Pharakano ya Tsela , 1996.
Kopo ya go fetola tetla ya boditšhaba ya go kgweetsa e tshwanetse go tsamaya le laesense e e rebotsweng ke bothati jwa naga e sele.
Laesense ya naga e sele kgotsa tetla ya boditšhaba ya go kgweetsa e ka fetolelwa fela go laesense ya Aforika Borwa fela fa modirakopo e le moagi wa Aforika Borwa kgotsa a bone bonno jwa leruri .
Laesense ya naga e sele e tshwanetse go bo e sa ntse e dira ka letsatsi la go fetolwa mme e tshwanetse go bo e kwadilwe ka nngwe ya dipuo tsa semmuso tsa Aforika Borwa. Fa go se jalo, kopo e tshwanetse go go bo e na le phetolelo e e rebotsweng ke bothati jp bo nang le bokgoni.
Laesense ya naga e sele e tla se dire fa mong wa yona a simolola go nna monni wa leruri kgotsa a bona tetla ya boagi jwa leruri jwa Aforika Borwa.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya DL1, Kopo ya go fetolwa ga laesense ya go kgweetsa kwa lefelong lengwe le lengwe la diteko tsa laesense ya go kgweetsa
Tlaya le ditlankana tse di latelang:
boitshupo jo bo amogelegang jaaka bo tlhokwa ke molao wa Aforika Borwa , ID ya nakwana, phaseporoto e e dirang ya Aforika Borwa, kgotsa phaseporoto ya kwa nageng e nngwe e na le tetla ya bonno jwa leruri lekwalo go tswa go setheo se se bokgoni le le netefatsang gore laesense ya gago ke ya boammaaruri. Lekwalo leo le tshwanetse go tlhalosa maemo a laesense eo laesense ya kwa nageng e nngwe ditshwantsho tse nne tsa bogolo jwa ID tsa bontsho le bosweu.
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.
Teko ya matlho e tla dirwa kwa lefelong leo pele phetolo e konosediwa.
Ela tlhoko: O ka se tsenele tlhatlhobo ya laesense ya go kgweetsa. Laesense yanakwana e e dirang dikgwedi tse thataro e rebolwa ka yona nako eo e bile ke mahala.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Paka ya go fetolwa ga laesense go farologana go ya ka mafelo a diteko ka ntlha ya ditiragalo tsa fa teng tsa boruni.
Godimo
Tlhotlhwa
