Kopo e e diriwang kwa go komiti ya ditirelo tse di tlhokegang go netefatsa gore kgwebo ya mothapi yotlhe kgotsa karolo ya yona, ke tirelo ya tlamelo
Tlhaloso
Mothapi a ka nna a dira kopo ka go kwalela komiti ya ditirelo tse di tlhokegang go tla go netefatsa gore kgwebo yotlhe kgotsa karolo ya tirelo ya mothapi ke tirelo ya go tlamela.
Tirelo e kaiwa jaaka tirelo ya tlamelo fa kemiso ya tirelo eo, e na le nonofo ya go tlisa tshenyo e e bonwang ka matlho mo karolong nngwe le nngwe e go dirwang mo go yona, feketiri kgotsa metšhene.
Batho bangwe ba ba nang le kgatlhego, ba ka nna ba fetola ka go romela tsibogelo/phetolo ya bona mo malatsing a le 21, morago ga go amogela kopo, kwa go Ditirelo tse di Tlhokegang.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa kopo go Ditirelo tse di Tlhokegang tsa Khomišene ya Poelano le Botsereganyi
Tlatsa foromo ya LRA 4.3 mme o e romele kwa go Komiti ya Ditirelo tse di Tlhokegang kwa CCMA
Khopi ya foromo e, e tshwanetse go neelwa lekoko le lengwe mme go netefatswe gore khopi ya foromo e e neetsweng lekoko le lengwe e neelwe ka go e gokelela:.
Khopi ya setlankana se se tswang kwa Posokantorong se tshwanetse go gokelelwa.
Khopi ya resiti e e saennweng fa e isitswe ka seatla e tshwanetse go gokelelwa.
Setatamente se se saenilweng se se netefatsang gore tirelo e, e dirilwe ke motho yo o tlisitseng foromo, se tshwanetse go tla le kopo.
Khopi ya setlankana se se netefatsang fa fekese e rometswe kgotsa bopaki bongwe le bongwe jo bo kgotsofatsang, bo ka gokelelwa.
Molao o o dirisiwang
Karolo ya 75
Boemo jwa Tirelo
Ga go na nako e e tsepameng e e beilweng, go tla laolwa ke lekoko le le dirang kopo ya ditirelo tse di tlhokegang.
Tlhotlhwa
Tirelo e, ga e duelelwe.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Bodirelo, diaterese le megala
