Go kopa komiti ya ditirelo tsa botlhokwa go dira dipatlisiso go tlhomamisa fa tirelo yotlhe kgotsa karolo ya tirelo e le e e botlhokwa.
Tlhaloso
Tirelo e e botlhokwa e kaya tirelo eo, fa e ka emisiwa e ka tsenyang matshelo a batho mo kotsing kgotsa ya sitisa/kgoreletsa pholo ya batho.
Mo nakong ya boipelaetso,setlhopha sengwe le sengwe se se nang le dingongorego malebana le dintlha tse di latelang, se ka lebisa dingongorego ka go kwalela komiti ya ditirelo tse di botlhokwa:
a tirelo ke ya botlhokwa kgotsa ga se ya botlhokwa:
a mothapiwa kgotsa mothapi o tshwaragane le tirelo e e kaiwang e le e e botlhokwa.
Setlhopha se se lebisang ngongorego kwa go komiti ya ditirelo tsa botlhokwa e tshwanetse go netefatsa gore khopi e go buiwang ka yona e neetswe ditlhopha tsotlhe tse di ngongoregang. Komiti ya ditirelo tsa botlhokwa e tshwanetse go tlhomamisa ngongorego ka bonako jo bo kgonegang.
Ditirelo tsa Palamente, Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa le Tirelo ya tsa Pholo ke ditirelo tse di botlhokwa.
Fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Tlatsa foromokopo ya LRA4.2, e e buang ka dingongorego go tlhomamisa gore ke tirelo e e botlhokwa.
Gokelela khopi ya setefikeite sa jaanong se se supang lekwalotetla mo foromokopong.
Neela setlhopha se sengwe se se ngongorego khopi ya foromokopo jaaka bosupi jwa gore khopi ya foromokopo e ne ya neelwa nngwe ya ditlhpha ka go e pataganya le:
Khopi ya setlankana se se kwadisitsweng go tswa kwa Posokantorong; kgotsa
Khopi ya setlankana se se saenweng fa khopi e ne e tlisiwa ka seatla; kgotsa
Khopi ya pegelo/setatamente se se saenilweng go tswa go motho yo o tlisitseng foromo ka seatla; kgotsa
Khopi ya setlankana sa fekese sa se netefatsang; kgotsa bosupi bongwe jwa tirelo e e neetsweng.
Romela foromo e e tladitsweng go Komiti ya Ditirelo tse di Botlhokwa, ka Khomišene ya Poelano, Katlholo le Botsereganyi
Molao o o dirisiwang
Boemo jwa Tirelo
Go tla ikaega mo ditlhopheng tse di akanyang fa ditirelo di le botlhokwa
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Bodirelo, diaterese le megala
