Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tirelo e, e letlelela motho ka nosi, setheo kgotsa mokgatlho go tlhoma kgolagano ka tsela ya eleketheroniki le ba Madirelo a Makgetho a Aforika Borwa ka tsela ya thelesetso e e tlhophilweng. Tsamaiso e Ntšhwa ya Lekgetho la Lotseno, e dirilwe ka tsela e e leng gore e tla fedisa go dirisiwa ga pampiri fa go kgonagalang teng, le go dirisa tsela ya go dira ka metšhene mo go neng go dirisiwa batho ka matsogo a bona mme ka nako e le nngwe go netefatswa gore baduelalekgetho botlhe ba tshwarwa ka go lekana. Go setswe go tlhomilwe ditsela tse di farologaneng tsa go ikgolaganya ka eleketheroniki.
Kaedi e e bidiwang e setse e le teng mo Onlaeneng ya SARS mme maikaelelo a yona ke go araba dingongorego tse dintsi.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Rekhota dintlha tse di latelang tse o di neetsweng ke SARS morago ga go ikwadisa:
nomoro ya phetiso ya sephiri go go kgontsha go fitlhelela neteweke ya SARS.
khoutu ya tsamaiso e e go tlhaolang e e neetsweng setheo sa gago ke SARS.
khoutu ya modirisi e e go tlhaolang le nomoro ya phetiso ya sephiri e e go isang kwa sefareng ya difaele tsa SARS e go isiwang faele ya dinewa teng.
Tlisa difaele tsa dinewa tse di dirisiwang mo ditekong go go kgontsha go ntsha kgotsa go fitlhelela dikarabo tsa difaele tsa diteko go tswa go SARS.
Tiisetsa le Motsamaisi wa tsela ya go ikgolaganya ka tsela ya eleketeroniki wa SARS, fa o amogetse difaele tsa dinewa tsa diteko mme o tsenye tirisong tsela ya go ikgolaganya ka tsela ya eleketeronikika go amanya difaele tsa mmatota/tse di tshelang tsa dinewa .
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
SARS tsentse mo tirisong boemo jwa tirelo jo bo tla simololang mo dinyageng di le pedi . Fa o ikwadisa kgotsa o duela, SARS e ikaelela go tsamaisa ikwadiso ya gago ka nepagalo mo malatsing a le lesome a go dira.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
