Loso lwa baagi ba Aforika Borwa ba ba kwa dinageng tse dingwe
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Lefapha la Merero ya Boditšhaba, ka tirisano le baemedi ba lona kwa dinageng tse dingwe, le tlamela ka thuso le kgakololo go ba losika la moagi wa Aforika Borwa yo o tlhokafalelang kwa nageng e sele.
Ba losika lwa moswi wa Aforika Borwa ba na le dikgetho dife?
Moemedi wa Aforika Borwa o tla thusa ba losika go amogela ditlhwatlhwa go ba kgontsha go dira tshwetso e e maleba.
Fa o dirisa rammošara, go botlhokwa go ela tlhoko gore ditirelo tseo di a duelelwa.
Ditlwaelo di farologana go ya ka dinaga, mme se se tla tlhotlheletsa tsamaiso e. Moemedi wa Aforika Borwa kgotsa Lefapha la Merero ya Boditšhaba le neelana ka maelo.
Tlhopho ya 1: Go busediwa ga setopo mo Aforika Borwa
Fa setopo se busediwa, go na le maemo a a masisi a tsamaiso ya sona a a beilweng ke Lefapha la Boitekanelo.
Tlhwatlhwa ya go siamisiwa ga setopo le sepalangwa di dira gore tlhopho e e nne tlhwatlhwagodimo thata.
Pele ba tsaya tshwetso, ba losika ba tshwanetse go newa ditlhwatlhwa go tswa go borammošara ba naga eo, ntle le fa moswi a na le inšorense. Moemedi wa Aforika Borwa a ka thusa.
Tlhopho 2: Go fisiwa le busediwa ga melora mo Aforika Borwa
Ba losika ba ka itlhophela gore setopo se fisiwe mme go romelwe melora.
Rammošara wa naga eo a ka tlamela ka tirelo e. Moemedi wa Aforika Borwa a ka nna teng mo tiragalong ya go fisiwa fa ba losika ba rata gore go nne le paki mo tsamaisong mme ba sa kgone go nna teng ka bobona.
Melora e tsholwa go ya ka meetlo ya naga eo ya selegae.
Tlhopho ya 3: Phitlho ya selegae
Ba losika ba tlhopha gore phitlho e tshwarelwe mo nageng eo.
Rammošara wa kwa nageng eo a ka tlamela ka tirelo e. Moemedi wa Aforika Borwa a ka tsenela phitlho e fa ba losika ba rata gore go nne le paki mo tsamaisong mme ba sa kgone go nna teng ka bobona.
Rammošara o tlamela ba losika ka lefelo le lebitla le leng mo go lona.
Tlhopho 4: Phitlho ka puso
Fa ba losika ba sa fitlhelelwe kgotsa ba ka se kgone ditlhopho tse di fa godimo, go ka kopiwa phitlho ka puso.
Bothati jwa selegae bo boloka ditopo ntle le tuelo. Moemedi wa Aforika Borwa a ka tsenela phitlho e fa ba losika ba rata gore go nne le paki mo tsamaisong mme ba sa kgone go nna teng ka bobona.
Bothati jwa selegae bo tlamela ba losika ka lefelo le lebitla le leng mo go lona.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Ikgolaganye le inšorense ya moswi fa e le gore o ne a sireleditswe ke inšorense ya loeto. E seng jalo, tlhopha nngwe ya diphitlho tse di tlhalositsweng fa godimo.
Fa o setse o sweditse ka tlhopho e e maleba, saena afitafiti mme o e romele go Botsamaisi jo bo : Ditirelo tsa Boditšhaba kwa Lefapheng la Merero ya Boditšhaba.
Go tlhokega ditlankana tse di latelang:
Ditlankana tsa go tlisa le go romela masaledi a setopo le go isiwa ga setopo go ya Aforika Borwa:
Setifikeiti sa loso
Setifikeiti sa tlhaloso
Lekwalo go tswa go wa losika le le kopang go tlisiwa kgotsa go romelwa
Phetolelo e e kannweng fa e le gore ditlankana tse ga di ka Seesimane.
Lekwalo go tswa Ntlokemeding kgotsa go rammošara le le akaretsang tshedimosetso e e latelang:
Leina la moswi
Letlha la loso
Naga ya loso
Lefelo la phitlho
Dintlha tsa tlhaeletsano ka botlalo go akaretsa dikhoutu tsa mafelo.
Ga go tetla e e tlhokegang go romela molora wa setopo se se fisitsweng.
Ditlankana tse di tlhokegang go epolola le go romela masaledi a setopo:
Setifikeiti sa loso
Setifikeiti sa tlhaloso
Lekwalo go tswa go wa losika le le kopang go romelwa
Phetolelo e e kannweng fa e le gore ditlankana tse ga di ka Seesimane
Lekwalo go tswa Ntlokemeding kgotsa go rammošara le le akaretsang tshedimosetso e e latelang:
Leina la moswi
Letlha la loso
Naga ya loso
Lefelo la phitlho
Dintlha tsa tlhaeletsano ka botlalo go akaretsa dikhoutu tsa mafelo.
Ditlankana tse di tlhokegang go epolola le go tlisa masaledi a setopo:
Lekwalo go tswa Ntlokemeding kgotsa go rammošara le le akaretsang tshedimosetso e e latelang:
Leina la moswi
Letlha la loso
Lefelo la phitlho
Lefelo la go fitlhiwa gape
Dintlha tsa tlhaeletsano ka botlalo go akaretsa dikhoutu tsa mafelo
Setifikeiti sa loso
Lekwalo go tswa go wa losika le le kopang go epololwa
Fa mabitla a le mo lefelong la poraefete, lekwalo la tetla go tswa go mong wa lefatshe leo go letla go bolokwa gape kgotsa go epololwa ga setopo le a tlhokega. Kgotsa tetla e ka newa go tswa kwa bothating jo bo maleba, sk. Motlhokomedi wa mabitla, Mmasepala wa Sedika wa Porofense ya Boitekanelo.
Mabitla a a sa itsiweng:
Kopo go tswa kwa setheong kgotsa rammošara e tshwanetse go akaretsa tshedimosetso e e latelang:
Lefelo la lebitla
Dikhopi tsa dipapatso tsa makwalodikgang tse di supang mabitla ao
Lefelo la phitlho
Fa mabitla a le mo lefelong la poraefete, lekwalo la tetla go tswa go mong wa lefatshe leo go letla go bolokwa gape kgotsa go epololwa ga setopo le a tlhokega.
Dintlha tsa tlhaeletsano ka botlalo go akaretsa dikhoutu tsa mafelo
Ditlanakana tse di tlhokegang go epolola le go fisa masaledi a setopo
Setifikeiti sa loso
Lekwalo go tswa go wa losika le le kopang go epololwa le go fisiwa
Lekwalo la tetla go tswa go mong wa lefatshe leo fa lebitla le le mo lefatsheng la gagwe. Tetla e tshwanetse go rebolwa gape ke bothati jo bo maleba, sekai, Motlhokomedi wa mabitla, Mmasepala wa Sedika wa Porofense ya Boitekanelo.
Phetolelo e e kannweng fa e le gore ditlankana tse ga di ka Seesimane
Lekwalo go tswa Ntlokemeding kgotsa go rammošara le le akaretsang tshedimosetso e e latelang:
Leina la moswi
Letlha la loso
Lefelo la go fitlhiwa gape
Dintlha tsa tlhaeletsano ka botlalo go akaretsa dikhoutu tsa mafelo.
Godimo
Molao o dirisiwang
Molao R2438 wa 30 Diphalane 1987, ditemana 9 le 10.
Godimo
Boemo jwa tirelo
Lefapha la Merero ya Boditšhaba le tla tsibogela dipotso tsotlhe mo diureng tse 24.
Godimo
Tlhotlhwa
Thuso go tswa go lefapha kgotsa baemedi ba lona kwa dinageng tse dingwe ke mahala, fela ditirelo tse di rebolwa ke borammošara di a duelelwa.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ga go na diforomo tse di tladiwang.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Lelapa la moagi wa Aforika Borwa yo o tlhokafetseng kwa dinageng tse dingwe le tshwanetse go ikgolaganya le moemedi wa Aforika Borwa yo o gaufi. Kgotsa go ka ikgolaganngwa le Botsamaisi jo bo : Ditirelo tsa Boditšhaba tsa Boditšhaba boemong jwa gago.
Kemedi e egaufi ya Aforika Borwa.
