Go nyalwa ka fa tlase ga molao wa setso
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Molao wa Setso o simolotse go nna mo molaong ka la 15 Ngwanatsele 2000. Fa e le gore o ne o setse o le mo lenyalong la setso le le tlhomameng pele ga letlha le, lenyalo la gago le amogesegile ka fa tlase ga molao o, o montšhwa. Fa monna a setse a na le basadi ba ba fetang bongwe, manyalo ao otlhe a amogelesegile ka fa tlase ga molao o, o montšhwa. Molao o gape o amogela manyalo a setso a a diragetseng morago ga letlha le mme o tlhalosa melao e batho ba ba nyalanang ka setso ba tshwanetseng go e latela gore lenyalo la bona le tle le amogelesege.
Lenyalo la setso le amogelesegile fa batho ba ba nyalanang ka fa tlase ga molao wa setso ba kokoantse ditlhokego tse di latelang:
Bobedi jo, bo tshwanetse jwa bo bo feta dinyaga di le lesomerobedi.
Bobedi jo, bo tshwanetse go dumela go nyadisiwa ka fa tlase ga molao wa setso.
Go tshwanetse ga nna le ditherisano, ga ketekwa moletlo mme ga tsenwa mo lenyalong go ya ka molao wa setso.
Bogadi ga bo kaiwe jaaka tlhokego ya kamogelesego ya lenyalo la setso.
Ela tlhoko gore manyalo a, ka gale a ne a ntse amogelesegile ka fa tlase ga molao wa setos.
Ke tshwanetse go kwadisa lenyalo la me leng?
Fa o nyetswe ka fa tlase ga molao wa setso pele ga letlha la 15 Ngwanatsele 2000, lenyalo la gago le tshwanetse la bo le kwadisitswe le Lefapha la Merero ya Selegae. Fa o ne o nyetswe morago ga gore molao o tlhomiwe, o tshwanetse go kwadisa lenyalo mo dikgweding di le tharo morago ga lenayalo.
Manyalo a Setso le Tlhakanelo ya Dithoto
Manyalo otlhe a setso a a diragetseng morago ga gore Molao o tsenngwe tirisong, ke wa tlhakanelodithoto. Seno se raya gore monna le mosadi ba nna le dišere tse di lekaneng tsa letlotlo, madi le dithoto gape se se raya gore ba šera/amogana le dikoloto tsotlhe. Fa bobedi jo, bo rata gore lenyalo la bona e se ke ya nna la tlhakanelodithoto, ba tla tshwanela ke go tsena mo tumelelanong ya go se tlhakaneledithoto pele ba nyalana. Fa ba rata go fetola tumelelano e morago ga go nyalana, ba tla tshwanela ke go dira kopo kwa Kgotlatshekelong e Kgolo. Ka fa tlase ga Molao wa Manyalo a Setso, mosadi o na le ditshiamelo le maemo a a lekaneng le a monna wa gagwe fa go tsewa ditshwetso mabapi le se se tshwanetseng go diragala ka thoto ya bona. Ga jaanong, mosadi wa setso o na le dithata tsa go tsena mo konterakeng kwa ntle ga thuso ya monna wa gagwe.
Go tla diragala eng fa monna wa me a rata go nyala mosadi yo mongwe?
Monna o tshwanetse a tsena mo tumalanong/konterakeng e e tla totobatsang se se tshwanetseng go diragalela thoto gape monna o tshwanetse go dira kopo kwa kgotlatshekelong gore tumalano e amogelesege. Kgotlatshekelo e tshwanetse go netefatsa gore dikgatlhegelo tsa basadi botlhe mabapi le thoto, di sireletsegile.
Go tla diragala eng fa re rata go tsena mo lenyalong la selegae morago ga go nyalana ka fa tlase ga molao wa setso?
Fa monna wa gago a sena basadi ba bangwe, le ka nna la nyalana ka fa tlase ga molao wa selegae le molao wa setso. Le fa go ntse jalo, se se raya gore ga go ope wa lona yo o tla nyalanang le motho yo mongwe fa le sa ntse le nyalane ka fa tlase ga molao wa selegae.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotlhomo.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Monna kgotsa mosadi a ka kwadisa lenyalo la bona kwa Lefapheng la Merero ya Selegae le le fa gaufi le bona. Go eletswa gore balekani ba ye ba le babedi fa ba ya go kwadisa lenyalo la bona gore kwadiso e diragale ka bonako. Le fa go ntse jalo, fa molekane yo mongwe a gana go ya, o ka nna wa kwadisa o le monosi mme wa tlisa bopaki jo bo tlhokegang.
dinomoro tsa Pasa, maina le matlha a matsalo a monna le mosadi ka bobedi jwa bona maina a batsadi ba monna le mosadi le leina la moeteledipele kgotsa baeteledipele ba setso dintlha tsa tumalano ya lobola/magadi, le dipaki tse pedi tse di neng di le teng ka nako ya lenyalo
Afitafiti kgotsa lekwalo le le tswang kwa go moeteledipele wa setso.
Foromo e tshwanetse go netefatswa le go saenwa fa pele ga:
motlhankedi yo o kwadisang, kgotsa motho yo o tlhophilweng, yo o tlhophetsweng tiro e ke Mokaedikakaretso gore a diragatse tiro e go ya ka melao e.
Motlhankedi yo o kwadisang kgotsa motho yo o tlhophilweng o tla fetisetsa kopo kwa kantorong e e fa gaufi ya kgaolo kgotsa ya sedika ya Lefapha gore e tsenngwe mo rejisetareng ya go bala batho.
Beya setifikeiti se mo lifelong le le bolokesegileng ka ntlha ya fa se le botlhokwa.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Setifikeiti se se khutshwafaditsweng se ntshiwa ka bonako.
Setifikeiti se se sa khutshwafatswang se tsaya dibeke di le thataro go ya go di le robedi.
Motlhankedi yo o kwadisang o tla go itsise fa a gana go kwadisa lenyalo le le ikaeletsweng la setso, mme aa neela mabaka a gore goring a gana go le kwadisa.
Godimo
Tlhotlhwa
Dituelo tse di latelang di duelwa kwa go Lefapha la Merero ya Selegae.
Setifikeiti sa lenyalo la setso se se dirilweng sebedi/dupolikate: R11
Patlo le go dirwa gape ga rejisetara ya setifikeiti sa lenyalo la setso kgotsa ditokomane dingwe le dingwe tse di tshegetsang mme di tsamaelana le go kwadisa: R53
Go neelwa sentshwa go tswa mo lenyalong la setso: R53
Molekane o duela motho yo o tlhophilweng: R11 mabapi le kopo ya go kwadisa lenyalo la setso e e dirilweng le motho yo o tlhophilweng.
Tsweetswee, leba motho yo o tshwanetseng go ikgolaganya le ena kwa Mererong ya Selegae gore a go neele kaedi ya ditshenyegelo tse o tlileng go di duela.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Diforomo tse di bonwa kwa go Lefapha la Merero ya Selegae
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. Ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
