Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi 08600 10 111
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi ke motseletsele wa ditirelo tsa badirisi tse maikarabelo a tsona e leng go kokoanya tshedimosetso go tswa mo baaging mabapi le disenyi gammogo le ditiro tsa bona. Baagi ba thusiwa ke badiri ba kwa tirelong ya badirisi ba ba katisitsweng sentle mo dipotsolotsong tsa bobatlisisi. Se se go letla go itsise ba Tirelo ya Mapodisi a Aforika Borwa ka ga ditiro tsa bosenyi, o le mo lefelong le le babalesegileng e bile le sa tshosetse. O ka nna wa nna tlhokaina fa o batla. Badiri ba ba salang morago boitshupo jwa batho ba ba neng ba leditse mogala, ga ba a letlelelwa kwa Tirelong ya go Khutlisa Bosenyi go netefatsa gore ga ba kitla ba itsise boitshupo jwa bompimpi. Tshedimosetso e e tlametsweng e romelwa kwa matsekeng .
Ditikwatikwe tsa Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi tse di tlhophilweng gape di golaganya bompimpi ka tlhamalalo le babatlisisi ka mokgwa wa tlhaeletsano ya khonferense. Se se kgontsha motlhankedi wa patlisiso go botsolotsa mpimpi ka tlhamalalo.
Ela tlhoko: se se dirwa fa fela o dumela.
Gape o ka bega ka ga ditiro tsa bosenyi ka mokgwa wa seeleketeroniki mo go website ya South African Police Service e le yona e go netefaletsang gore o tla nna tlhokaina, ntle le fa o ka se eletse jalo.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Leletsa nomoro ya Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi 08600 10 111.
Modiri wa kwa Tirelong ya Badirisi o tla go kaetsa ka go go botsa dipotso tse di rileng, mme fa tshedimosetso e o e tlametseng e ka dirisiwa, o tla newa nomoro ya khoutu e e tshwanang e le esi.
Fa tshedimosetso e ise e nne e e ka nnang mosola, modiri o tla go naya mabaka e bile o tla go naya keletso ya gore o ka amogelang jang tshedimosetso go feta.
Tshedimosetso e e ka dirisiwang e golaganngwa le nomoro ya khoutu e o e neilweng.
O tla kopiwa go leletsa Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi mo go 08600 10 111 ka nako e o tla e bolelelwang go batlisisa gore a tshedimosetso e ne e le mosola, le gore o tla rebolelwa moputso.
Mo isagweng, modiri o tla bua le wena fela ka ga kgetse ya nomoro ya khoutu e o e neileng e nepagetse e bile boitshupo jwa gago bo tsamaelana le "porofaele" e e mo direkotong.
Modiri ka gangwe o tla khutlisa motlotlo fa a sa kgotsofalela gore ke wena o leditseng la ntlha go bega bosenyi. Se ke mokgwa wa tshireletso e bile o ka se buisanelwe.
Fa o bega bosenyi ka mokgwa wa seeleketeroniki, tlatsa foromo ya pegelo e e fitlhelwang mo go website ya SAPS. Nomoro ya tshupetso e tla tlhagisiwa fa fela o rometse foromo.
Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi e tla fetisetsa tshedimosetso go lefapha la patlisisio le le maleba go e sala morago, e bile ba tla kopa gore pegelo ya ntlha go gololwa mo sebakeng se se sa feteng diura tse 24 gammogo le tshwetso ya patlisiso ka bonako jo bo kgonegang.
Fa o fitlhelela ditlhokego e bile o ne o kopile moputso, motlhankedi wa patlisiso o tla swetsa gore moputso wa gago ke bokae le fetisa tleleimi go ya ka NI 2/2001.
Fa moputso o siame go ka rebolwa, Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi e tla ikgolaganya le wena go rulaganyetsa gore o duelwe.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Jaaka go tshwanetse go ikobelwa ditlhokego tsa boditšhabatšhaba tsa go Khutlisa Bosenyi, ga go a letlelelwa tiriso ya boitshupo jwa dinomoro kgotsa badiri ba ba batlisisang ga ba a letlelelwa mo meagong ya Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi gonne se se ka baka gore go se tlhole go nna le botsalano jwa go ikanyega magareng ga SAPS le mpimpi fa go tla mo go nneng tlhokaina.
Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi e tla fetisetsa tshedimosetso go lefapha la patlisisio le le maleba go e sala morago, e bile ba tla kopa gore pegelo ya ntlha go gololwa mo sebakeng se se sa feteng diura tse 24 gammogo le tshwetso ya patlisiso ka bonako jo bo kgonegang.
Fa o fitlhelela ditlhokego e bile o ne o kopile moputso, motlhankedi wa patlisiso o tla swetsa gore moputso wa gago ke bokae le fetisa tleleimi go ya ka National Information 2/2001.
Fa moputso o siame go ka rebolwa, Tirelo ya go Khutlisa Bosenyi e tla ikgolaganya le wena go rulaganyetsa gore o duelwe.
Godimo
Tlhotlhwa
Go letsa go tswa kwa mogaleng wa selula : go letsa go duelelwa tlhwatlhwa ya kelo ya megala ya selula
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ga go solofelwe gore o tlatse diforomo dipe gonne bosenyi bo begwa ka mogalo. Le fa go le jalo, fa e le gore o bega bosenyi ka go dirisa website ya SAPS, tlatsa foromo ya pegelo ya seeleketeroniki.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
