Kopo ya go fetolela Kgwebo e e kopetsweng go nna khamphane
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Kgwebo e e kopetsweng e ka godisiwa le go katoloswa, batshola disere ba tlhokagala go tlotlomatsa CC le go tsenya madi a mantsi.
Kgotsa CC e ka bo e gaisana le dikhamphane tse dikgolo mme e batla go fetoga go nna khamphane gore ditiro tsa yona atologe sentle le kgwebo e nne e e itsheditseng e bile e na le bokgoni.
Godimo
Dikgato tse di latelwang fa e le gore leina la CC le tlile go fetolwa, foromo ya CM5 e tshwanetse go tladiwa
Fa go na le diphetogo tse di tlo dirwang, jaaka leloko le le tlileng go leboga tiro, letlha la ngwaga wa ditshelete le fetolwa kgotsa ramatlotlo o montshwa a tlhophiwa, o tshwanetse go is diforomo CK2 ga mmogo le CK2A pele CC e fetolwa le morago ga gore e fetolwe. Diforomo tsa Kgwebo e e kopetsweng di ka tladiwa mo laeneng .
Motlhankedi wa matlotlo le moruni wa kgwebo e e kopetsweng ga e a tshwanela go nna motho a le mongwe.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Fa go se na ditokomane dingwe tse di rometsweng kwa thoko go tswa mo ditokomaneng tsa khamphane, go tla tsaya malatsi a le mabedi go ya go a le matlhano go fetola Kgwebo e e kopetsweng go nna khamphane. Fa e le gore diforomo tsa CK di tsentshitswe kwa thoko, go tla tsaya dibeke tse di mmalwa go konosetsa kopo.
Godimo
Tlhotlhwa
Tuelo ya memorantamo le athikele ke R350
Tuelo ya go peeletso ya leina ke R50
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
