Tumelelano le go emisa tumelelano ya botsadi-ka-tsholo ke motsadi kgotsa motlhokomedi wa ngwana
Tlhaloso
Tumelelano ke tetla e e kwadilweng e e newang batsadi ba ba batlang go kopa botsadi-ka-tsholo jwa ngwana. Tumelelano e ka newa ke batsadi ba ngwana, motlhokomedi kgotsa ke ngwana ka boena. Ngwana a ka dira tumelelano ya botsadi-ka-tsholo fa e le gore o na le dingwaga di le lesome kgotsa go feta. Le fa go ntse jalo, ditshiamelo tsa molao mongwe le mongwe, motsadi yo o fileng tumelelano ya botsadi-ka-tsholo jwa ngwana wa gagwe, o na le ditshwanelo tsa go busetsa tumelelano eo morago mo malatsing a le 60 morago ga go neelana ka tumelelano. Kgotlatshekelo ya bana e ka se ka ya dira taelo nngwe le nngwe ya botsadi-ka-tsholo pele malatsi a le 60 a fela.
Mabaka a a dirang gore tumelelano ya botsadi-ka-tsholo e se ka ya batlega
Fa motsadi wa ngwana a tlhokafetse le gona go sena motlhokomedi yo o tlhophilweng wa ngwana.
Fa motsadi
A sena bokgoni go ka naya tumelelano ka ntlha ya go lwala mo monaganong, I
Fa a latlhile ngwana mme go sa itsagale gore o kwa kae;
Fa e le gore o gobatsa ngwana mo mmeleng, mo maikutlong kgotsa o a mo tlhakisa ka go robala le ena, o dumelela gore a tlhaselwe, o a mo sotla le go mo kubugela.;
O tlhodile kgotsa o thusitse mo go direng gore a ngokege mo go rataneng o go betelela kgotsa go mo ja ntsoma ka thobalano kgotsa go tlhola kgotsa go thusa gore ngwana a dire ditiro tse di sa amogelesegeng;
a gana ka tumelelano ya gagwe ka mabaka a a sa utlwagaleng;
wa ngwana yo o belegweng mo lenyalong kgotsa kwa ntle ga lenyalo a retelelwa ke go itlhaloganya jaaka rre wa ngwana kgotsa kwantle ga mabaka a palelwa ke go diragatsa boikarabelo jwa gagwe mabapi le ngwana;
e le rraagwe ngwana yo o belegweng ka kwa ntle ga lenyalo mme ngwana yo a imilwe ka thobalano ya masika a atamelaneng thata .
e le rraagwe ngwana yo o belegweng mo lenyalong kgotsa ka kwa ntle ga lenyalo a bonwe molato ka petelelo kgotsa tlhaselo ya mmaagwe ngwana; kgotsa morago ga dipatlisiso tsa kgotlatshekelo ya bana fa e se na go utlwa dipeomolato ka mmaagwe ngwana, ka gore rraagwe ngwana a kabo a beteletse kgotsa a tlhasetse mmaagwe ngwana. Mme diphitlhelelo tse, di se ke tsa dira gore motho yo a tshwarelwe molato wa petelelo le wa tlhaselo.
wa ngwana yo o belegweng mo lenyalong kgotsa ka kwa ntle ga lenyalo a reteletse ke go tsibogela kitsiso e a e filweng jaaka e bontshiwa fa tlase mo malatsing a le 14.
Kitsiso ya tumelelano ya botsadi-ka-tsholo
Fa e le gore ke motsadi a le mongwe fela yo o fileng tumelelano mme motsadi yo mongwe ena ga a bonwe gore a ka tla a naya tumelelano kgotsa ga go kgonagale gore a ka naya tumelelano, mothati/motlhankedi o tla tsaya sekatshupo se sa tumelelano mme a fe motsadi yo mongwe kitsiso mo malatsing a le 14. Kitsiso e tla itsise motsadi yo mongwe yoo gore tumelelano e setse e neilwe, mme a mo neye tšhono ya gore le ena a neye tumelelano kgotsa a busetse morago tumelelano ya gagwe; kgotsa a neelane ka mabaka gore ke ka ntlha ya eng tumelelano ya gagwe e tshwanetse go bewa mme e se ka ya ntshiwa kgotsa a dire kopo ya botsadi-ka-tsholo ya ngwana fa e le gore ke ena rraagwe ngwana wa mannete mme ngwana o belegwe mo lenyalong kgotsa ka kwa ntle ga lenyalo.
Fa e le gore mmaagwe ngwana yo o belegweng mo lenyalong kgotsa ka kwa ntle ga lenyalo o dirile tlhabololo ya tumelelano mabapi boikwadiso jwa maina, diaterese le megala mo setifikeiting sa matsalo sa ngwana, rraagwe ngwana o tla tshwanela ke go itsisiwe. Le ena o tla tshwanela ke go dira ditlhabololo/diphetogo tse di tlhokagalang mo malatsing a le 14 morago ga kitsiso.
Fa e le gore mmaagwe ngwana ga a tlhabolola dintlha tse di botlhokwa tsa boikwadiso jwa ngwana jwa matsalo mo tumelelanong, motho yo o batlang go ikitsise jaaka rraagwe ngwana o tshwanetse go dira kopo kwa kgotlatshekelong e e tshwanetseng mabapi le tlhomamiso ya taelo e e netefatsang gore ke ena rraagwe ngwana, mme ditlhokego tsa mmaagwe ngwana tsa tumelelano ga di tlhokagale.
Kitsiso go tswa go rraagwe ngwana wa tlhago yo a belegweng mo lenyalong kgotsa ka kwa ntle ga lenyalo e tla batlega fa rraagwe ngwana a dumetse ka go kwala gore ke ena rraagwe ngwana ; mme o kgonne go tsenya maina, diaterese le megala ya gagwe mo boikwadisong jwa botsalo jwa ngwana yoo mme a netefatse gore dintlha tseo di siame ka dinako tsotlhe; kgotsa mmaagwe ngwana ka nako e a neng a naya tumelelano, o dumetse ka go kwala, gore rraagwe ngwana o dumetse gore ke ena rraagwe ; le gore o bontshitse gore ke ena mang le fa a nnang teng go a itsiwe; kgotsa modirediloago o rometse pegelo e e netefatsang gore rraagwe ngwana ke mang le gore o kwa kae go mothati/motlhankedi yo o tla tsayang bosupi jwa tumelelano ya mmaagwe ngwana, kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bana kwa kopo ya botsadi-ka-tsholo e dirilweng teng. Pegelo e, e tshwanetse go romelwa mo malatsing a le 60 morago ga gore mmaagwe ngwana a neye tumelelano , kgotsa mo nakong nngwe le nngwe pele ga fa taelo ya botsadi-ka-tsholo e newa ke kgotlatshekelo ya bana.
Motsadi yo o neileng tumelelano ya gagwe mme a batla go senya tumelelano ya batsadi ba bangwe, o tshwanetse go itsise mothati/motlhankedi fa a netefatsa tumelelano ya gagwe.
Fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotlhomo
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Go naya tumelelo
Fa e le gore o motsadi wa ngwana kgotsa motlhokomedi wa ngwana, o tshwanetse go tlatsa Foromo ya 12, Tumelelano ka motsadi kgotsa motlhokomedi wa ngwana go netefatsa botsadi-ka-tsholo ba ngwana , mme fa e le gore o ngwana, tlatsa Foromo ya 13, Tumelelano ya ngwana ya botsadi-ka-tsholo.
Tumelelano e tshwanetse go neiwa ka go kwadiwa . Fa e le gore tumelelano e neiwa mo Aforika Borwa, motho kgotsa batho ba ba nayang tumelelano eo ba tshwanetse go saena fa pele ga mothati/motlhankedi wa katlaatlelo ya bana, yo o tla netefatsang tumelelano eo.
Tumelelano e e newang kwa ntle ga Aforika Borwa, e tshwanetse go saenwa fa pele ga motlhankedi yo o tla netefatsang mo ditirelong tsa bodipolomate mo Aforika Borwa kgotsa borongwa jwa kwa moseja jo bo dirisanang le naga e nngwe, kgotsa moatlhodi, mmagiseterata, bosiamisi jwa kagiso kgotsa motlhankedi wa botlhe wa naga e e amegang.
Le fa e le gore tumelelano e tshwanetse go nna le maina a batsadi ba ba batlang go dira kopo ya botsadi-ka-tsholo, kgotlatshekelo ya bana e ka dumela tumelelano e e diriwang ke batsadi ba ngwana kgotsa motlhokomedi wa ngwana e e se nang maina kgotsa diaterese le megala ya batsadi ba ba batlang go kopa botsadi-ka-tsholo fa e le gore go kgotsofetswe gore dikgatlhego tsa ngwana di tsewa tsia.
Go busetsa morago tumelelano
Tumelelano e tshwanetse go busediwa kwa morago ka lekwalo: Fa e le gore o motsadi kgotsa motlhokomedi wa ngwana, tlatsa foromo ya 12A, Pusetso morago ya tumelelano ka ga botsadi-ka-tsholo ka motsadi kgotsa motlhokomedi wa ngwana, fa pele ga mothati/motlhankedi mongwe le mongwe ka nako nngwe le nngwe mo malatsing a le 60 morago ga go fa tumelelano eo.
Fa e le gore o ngwana, tlatsa foromo ya 13A fa pele ga mothati/motlhankedi mongwe le mongwe pele ga taelo ya botsadi-ka-tsholo e diriwa ke kgotlatshekelo ya bana
Fa e le gore tumelelano e buseditswe morago mo kgaolong e go sa diriwang tumelelano mo go yona kgotsa mo kopo ya botsadi-ka-tsholo e sa yo tshwarelwang teng, mothati o tshwanetse go dira se ka bonako:
Go itsise kgotlatshekelo e e tshwanetseng ga mmogo le modirediloago yo o nepagetseng yo o nang le makwalotshupo, fa e le gore go a itsege gore ke mo kgotlatshekelo efe mo kopo ya botsadi-ka-tsholo e tshwanetseng go rerelwa teng; kgotsa go
Itsise mothati/motlhankedi yo o netefatsang tumelelano fa e le gore go a itsege gore ke kgotlatshekelo efe fa kopo ya botsadi-ka-tsholo e yang go rerelwa teng.
Mothati/motlhankedi o tshwanetse go bona kgotlatshekelo ka bonako fa kopo ya botsadi-ka-tsholo e yang go rerelwa teng mme a itsise kgotlatshekelo le modirediloago yo o nepagetseng, yo o nayang makwalotshupo ka ga pusetso morago .
Molao o o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Nako ya go sekaseka kopo ya botsadi-ka-tsholo e ikaegile ka gore molato o thatafetse go le kana kang.
Pele ga fa mothati/motlhankedi a ka netefatsa tumelelano, o tshwanetse go lemosa motho yo o nayang tumelelano ka ga ditlamorago tsa semolao tsa botsadi-ka-tsholo;
gore, mo lebakeng la tumelelano ka motsadi, motsadi yo o amegang a ka nna a busetsa morago Foromo ya 12A fa pele ga mothati/motlhankedi mongwe le mongwe ka nako nngwe le nngwe mo malatsing a le 60 morago ga go nnaya tumelelano eo.
Gore mo lebakeng la tumelelano ya ngwana, ngwana yo o amegang a ka nna a busetsa morago tumelelano ka go kwala mo Foromong ya 13A fa pele ga mothati/motlhankedi mongwe le mongwe ka nako nngwe le nngwe pele taelo ya botsadi-ka-tsholo e diriwa kwa kgotlatshekelo ya bana; le
Gore motho yo o amegang a seka a nna teng fa kopo ya botsadi-ka-tsholo e sekasekiwa kwa ntle ga fa fela kgotlatshekelo, go ya ka mokgwa wa yone, e ka naya motho yoo tumelelo ya go nna teng, ka gonne go akanngwa gore go nna teng ga gagwe go ka tlhola kgatlhego mo ngwaneng,
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Mafelo a bodirelo, diaterese le megala
Lenaneo la dikgotlatshekelo tsa mmagiseterata
