Kopo ya go kwadisa setlamo se se nang le kapitale e e abelanwang
Tlhaloso
Ka goone go kwadisa setlamo sa kapitale e e abelanwang go le thata, go tshisinngwa gore bakopi ba dirise ditirelo tsa mmueledi.
Memorantamo le Diathikele tsa setlamo di tshwanetse go kokoanngwa mme tsa nna maleba go tshwanela setlamo gape di tshwanetse go kannwa ke raditlamano wa botlhe, yo e leng ramolao wa seporofešene. Setlamo sa botlhe se ka nna sa itseela Tafole ya A mo foromokopong ka botlalo kgotsa ba ka nna ba dira gore e tshwanele fela setlamo sa bona fa fela e obamela Molao wa Ditlamo wa 1973 . Setlamo sa poraebete se ka nna sa itseela Tafole ya B mo foromokopong ka botlalo kgotsa ba ka nna ba dira gore e tshwanelo setlamo sa bona fela, fa fela e obamela Molao wa Ditlamo wa 1973 .
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa diforomo tse di latelang:
Dira Kopo ya go beeletsa leina ka go tsenya CM5 -Kopo ya go beeletsa leina . Foromo e e bonwa kwa go Lefapha la Kgwebo le Intaseteri
Mokaedi mongwe le mongwe wa setlamo o tshwanetse go tlatsa foromo ya CM47 . Foromo e e bonwa kwa go Lefapha la Kgwebo le Intaseteri
Tlatsa foromo ya CM31, foromo e e neelang motho tumelelo ya go dira jaaka moruni. Foromo e e bonwa kwa go Lefapha la Kgwebo le Intaseteri
Tlatsa foromo ya CM44 - Athikele ya botsalano jwa setlamo se se nang le kapitale e abelanwang mme se itseela thulaganyo ya 1, kgotsa foromo ya CM44A - Athikele ya botsalano jwa setlamo se se nang le kapitale e abelanwang mme se sa itseela thulaganyo ya 1. Bakedi botlhe ba tshwanetse go tlatsa foromo ya CM44C - Baseni ba Diathikele .
Neela mmueledi maatla a mmueledi semmuso, mo o tlhalosang gore o mo neela taolo ya go dira logatong la gago.
Setlamo se se kwadisanga ka kapitale, se tshwanetse gape sa neela ditokomane tse di latelang:
CM1:Setifikeiti sa kopanyo sa.
E ke tokomane e e saenwang e be e tempiwe ke Mokwadisi wa Ditlamo fa ditokomane tsotlhe tse di tlhokegang di sena go sekasekiwa le go konosetswa.
Molao e latelwang
Boemo jwa tirelo
Go ka tsaya go fitlha malatsi a le matlhano go kwadisa setlamo sa kapitale e e abelanwang.
Tlhotlhwa
Tefo ya R350 le R5 go ya ka kapitale e le nngwe ya 1000 e e mo molaong fa go na le boleng jwa šere ka nngwe, kgotsa R5 kapitale e le nngwe ya 1000 fa go se na boleng jwa šere.
Diforomo tse di tladiwang
Lefelo, bodirelo, diaterese le megala
