Kopo ya Laesense ya Tirelo ya Kgwebo le Kgaso
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Laesense ya Kgwebo ya Phaposikgaso e neelwa go tirelo ya kgaso e diragatsang go bona letseno kgotsa e le karolo ya go bona letseno. Lekgotla la Kgaso la Aforika Borwa ke lona fela le neelwang laesense ya go kgaso ya bosetšhaba mo Aforika Borwa.
Motho mongwe le mongwe yo o ikaelelang go neelana ka tirelo ya kgaso o tshwanetse go nna le Laesense ya Kgwebo ya Modumo ya Kgaso.
Motho mongwe le mongwe yo o ikaelelang go neelana ka tirelo ya kgaso o tshwanetse go ikamanya le mametlelo jaaka e tlhalosiwa ke Taletso ya go dira kopo go bona Laesense ya Kgwebo ya Kgaso e e phatlalatsang ka semolao mo kaseteng ya mmuso. Dimametlelelo ka tlwaelo di bopilwe ke karolo tse thataro, e leng:
Maemo le melawana ka kakaretso : tsamaiso e tla latelwang
Boemo ba Kgwebo: Boemo ba Semolao ba modirakopo
Go baya ka mananeo: Diteng tsa selegae sa tekatekano; Puo; Mananeo a kgasiwang
Ditlhokego le Dibatlwa tsa tirelo e e tshisinyiwang
Matlotlo
Ditlhokego tsa botegeniki.
Foromokopo le mafelo a ago tikologo a a sisintsweng a bopa karolo ya Kasete ya MMuso e rebotsweng la ntlha fa taletso e e rileng ya kopo e dirwa.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromokopo ka mokwalo wa tlhakakgolo.
Romela ditlankana tsa nnete le dikhopi di le 16 tsa foromokopo le tuelokopo e e sa busiweng go Lekgotla la Ditlhaeletsano le le ikemetseng la Aforika Borwa .
Dikopo tse di sa felelang di tla busediwa kwa go modirakopo mme ga go maikarabelo a ape tla a go gakanega a tla amogelwang.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Go tla tsaya dikgwedi di le thataro goya go di lesome le bobedi.
Godimo
Tlhotlhwa
Tuelo e e sa busiweng ya R30 000.
Tuelo ya laesense ya R2 500 e tla neelwa.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Foromokopo e tla nna karolo ya Mmametlelelo ya Kasete ya Mmuso.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
