Kopo ya setifikeite sa tumelelo ya tshwaro ya mašwi le thwalo
Tlhaloso
Mafelo a go gamelwang mašwi mo go ona, ke mafelo a a dirisediwang kumo ya boitekanelo le tshwaro ya mašwi. Kopo ya setifikeite sa go dumelelwa go tshwara mašwi se tshwanetse go tlisiwa ka go kwadiwa. Kopo e tshwanetse go akaretsa tshedimosetso e e leng fa tlase:
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Boitekanelo
Dikgato tse di latelwang
Tlisa kopo e e kwadilweng kwa botsamaising jwa selegae mo lefelong le go gamelwang teng kgotsa mo mafelo a go gamela a yang go tlhomiwa teng.
Tlisa tshedimosetso e e latelang:
Leina la gago, aterese le mogala
Tlhaloso ya kano ya mafelo a go gamelwang mo go ona
Palo ya badirammogo ba ba thapilweng; kgotsa ba ba tla thapiwang
Palogodimo ya diphologolo tse di tla gamiwang
Moakanyetso o o suapang letlhakore la leboa, ga mmogo le meago e e leng gaufi le e e mo melelwaneng le gore e dirisetswa eng
Sethalo se se kwadilweng mo sekaleng sa 1:100 sa dibebofatsi tsa mafelo a go gamelwang teng, se se nang le letlhakore la moakanyetso wa fa fatshe, le letlhakore le le bogelwang le karolo e e tsepameng mme e tsholetsegile.
Ipaakanyetse go neelana ka tshedimosetso e nngwe gape e e ka batlang ke botsamaisi jwa selegae.
Motlhatlhobi wa botsamaisi jwa selegae ke ena yo o tla dirang tlhatlhobo yotlhe ya mafelo a a dirisiwang. Motlhatlhobi o tla romela pegelo ya gagwe ga mmogo le dikatlanegiso kwa botsamaising jwa selegae.
Setifikeite sa tumelelo se tla ntshiwa fa e le gore pegelo ya motlhatlhobi e supa go kgotsofala.
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Go a farologana go tloga mo kgaolong e nngwe go ya kwa go e nngwe.
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe.
Diforomo tse di tladiwang
Foromo ya kopo ya tumelelo ya setifikeite sa go nna le lefelo la go gamela. Foromo e e ka fitlhlwa kwa Lefapheng la Boitekanelo kgotsa kwa dikantorong tsa Mmasepala.
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
