Kopo ya tumelelo ya setifikeite sa go rwala kgotsa go tshwara dijo
Tlhaloso
Motho mongwe le mongwe yo o eletsang go nna le mafelo a dijo kgotsa go rwala dijo o tshwanetse go nna le setifikeite sa tumelelo. Setifikeite se, se ntshiwa morago ga fa batlhatlhobi ba botsamaisi ba tsa selegae bo se na go tlhatlhoba mafelo kgotsa dijanaga.
Fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Boitekanelo.
Dikgato tse di latelwang
Kopa tumelelo kgotsa setifikeite sa tshwaro ya dijo kwa botsamaising jwa tsa selegae
Neela ka mafelo a a tshwanetseng go tla go dirisediwa go tshwara dijo, kgotsa sejanaga se se yang go dirisediwa go rwala dijo.
Tshwara sejanaga sa go rwala dijo ga mmogo le mafelo a go tshwara dijo phepa ka dinako tsotlhe, go netefatsa gore dijo tse di rwadiwang kgotsa tse di tshwariwang ga di kgotlelwe ke dintsi, leswe, disaitshekang kgotsa sengwe le sengwe se se kotsi mo dijong.
Sejanaga kgotsa mafelo a dijo di tshwarwang fa go ona a tla tlhatlhobiwa ke batlhatlhobi ba botsamaisi ba tsa selegae go netefatsa gore di kgona go rwala le go tshwara dijo.
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Boemo jwa tirelo bo ikaegile ka batlhatlhobi ba tsa selegae
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe, fela botsamaisi jwa sa selegae bo ka nna jwa go duedisa madi a mannye.
Diforomo tse di tladiwang
Diforomo di ka bonwa kwa ntle le tuelo go tswa mo go Lefapha la Boitekanelo la Bosetšhaba.
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
