Kopo go CCMA go iponela molao wa go phiketa mo nakong ya boipelaetso kgotsa tswalelwa kwa ntle
Tlhaloso
Molao wa Dikamano wa Ditiro wa 1995, o amogela thata ya go phiketa. Mokgatlho o o ikwadisitseng wa badiri o ka dumelela ditokololo le batshegetsi ba tsona go phiketa ka maikaelelo a go bontsha tshupetso ya khutso.
Phikete e ka tshwarwa gongwe le gongwe fa setšhaba se kgonang go fitlha kwa teng, kwa ntle le kwa ntle ga tikologo ya lefelo la mothapi kgotsa ka tetla ya mothapi, ka fa gare ga tikologo ya mothapi.
Mokgatlho o o ikwadisetseng kgotsa mothapi a ka kopa Khomišene ya Poelano, Botsereganyi le go leka go iponela kutlwano magareng ga maphata a a leng mo kgotlhanong ka melao e e tshwanetseng go diragadiwa kwa phiketong e e amanang le boipelaetso kgotsa go tswalelelwa kwa ntle ke mothapi. Fa go se tumalano e e fitlhetsweng, CCMA e tshwanetse go tlhomamisa gore melawana ya go phiketa, a lebeletse maemo a a rileng a kwa tirong kgotsa a mangwe a tikologo ya kwa tirong a go phiketa le molao wa boitsholo o o dumesegileng.
Melawana ya go letla bathapi go phiketa mo lefelong la mothapi la tiro fa CCMA ikutlwa gore mothapi ga a lebelela mabaka ka go naba go kganela go phiketwa mo tirong.
Ga o batla tsehedimosetso enngwe gape e ya go Lefapha la Ditiro
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Mokgatlho wa badiri o o ikwadisetsng o ka tlatsa foromo LRA 4.1. go kopa CCMA go iponela tetla ya go phiketa go ya ka melawana e laolang go phiketa ka nako ya boipelaetso kgotsa go tswalelewa kwa ntle.
Khopi ya foromo e tshwanetse go neewa ke lephata le bopaki jwa gore o neelane ka foromo tse di tshwanetseng go tsenyeletswa ka go e pataganya le ditokomane tse di latelang:
Khopi ya setlankana se go ikwadisitsweng kwa posong
Khopi ya rasiti e e saenweng fa khopi ya foromo e e supang gore e neetswe ka letsogo.
Khopi ya puo e kwadilweng go tswa go motho yo o e neetsweng.
Khopi ya fakese e tlhatsilang setlankana kgotsa botlhatsi bongwe le bongwe bo bo kgotsofatsang ba neelo.
Romela foromo e e tladitsweng le bopaki jwa gore e neetswe Mokwadisi: Kantoro ya Porofense ya Khomishene ya .
Fa go amega maphata a a fetang nngwe mo kgotlhang, kgotsa fa kgotlhang e le kgatlhanong le maphata a a fetang nngwe, kwala maina a tlaleletso le dintlha mo karolong ya pampitshana mme o a pataganye le dintlha ka botlalo mo foromong.
Molao o o dirisiwang
Boemo jwa Tirelo
Se setla ikaega mo goreng go tsaya nako e kae go rerabolola kgotlang ya dingongorego.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Bodirelo, diaterese le megala
