MAMETLELELO YA A 
DINTLHA TSA TSHUPETSO MALEBANA LE TSHEKATSHEKO YA MOKGWA WA BOSIAMISI WA BOSENYI WA AFORIKA BORWA 
1. MATSENO 
Tshwetso e ne ya tsewa ka motsi wa Makgotla a Kabinete, ka Phukwi ka 2003 le 2004, go sekaseka Mokgwa wa Bosiamisi jwa Bosenyi wa Aforika Borwa. Tokomane e, e na le maitlhomo a a tshisintsweng, dintlha tsa tshupetso le merero e mengwe e e maleba e e amanang le tshekatsheko eo, e e dirilweng go tsamaelana le ditshwaelo tse di neng tsa diriwa ka motsi wa Lekgotla la Kabinete ka Phukwi ka 2004 le ditshwaelo tsa Moporesidente Thabo Mbeki, kwa kopanong ya JCPS ya Phatwe a le 12 ka 2004. 

2. MATLHOMO A TSHEKATSHEKO 
Maitlhomo a Tshekatsheko ya Mokgwa wa Bosiamisi jwa Bosenyi ke- 
	
Go supa dikarolo tsa tokafatso mo mokgweng wa bosiamisi jwa bosenyi, go akaretsa tiro, mmogo le tshiamiso ya boemedi le merero ya nthwafatso, mo mokgweng wa bosiamisi jwa bosenyi, e e tlhokang tlhokomelo; 

	
Dikatlanegiso tse di farologaneng tse di ka tlhokomelwang le go tsenngwa tirisong ke Puso go tlhagisa mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi o o nonofileng thata, o o maatla thata gape o le maleba thata; 

	
Go tlhagisa motlolo o o maleba kgotsa letlhomeso le le maleba go lekanyetsa le go sala morago tiro ya mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi, go akaretsa motlolo wa kokoanyo ya dintlha wa botlalo go semola thata ka mokgwa wa saense mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi ka botlalo; le 

	
Go tlamela badiri ba dipholisi ka tshedimosetso e e tlhokegang go sekaseka tiro ya mokgwa wa ga jaanong wa bosiamisi jwa bosenyi wa Aforika Borwa ka motheo wa saense. 



3. SEKOUPU LE DINTLHA TSA TSHUPETSO TSA TSHEKATSHEKO 
Tshekatsheko e tshwanetse ka mokgwa o o siameng thata, o o tshwaraganeng gape e le wa botlalo, e bile e le o o bonagalang, go ela tlhoko kutlwalo, maatla, nonofo, bomaleba le tshomarelo ya mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi, go lebilwe ditekanyetsokabo tsa ga jaanong, ditsela, ditiro le melao e e laolang mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi, go akaretsa kutlwalo ya ditsela tse di latelwang, sebopego sa thulaganyo le ditiro tsa taolo ya mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi le kgokaganyo le tirisano magareng ga baamegi le mo go bona ba mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi, gape e tshwanetse go akaretsa dintlha tse di latelang tse di totobetseng  
	
Tshekatsheko ya melao e e leng teng, ditiro le ditsela tse di dirisiwang mo dikgatong tsotlhe tsa mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi; 

	
Tshekatsheko ya tekanyetsokabo e e leng teng, badiri le didirisiwa tse dingwe tse di dirisiwang mo dithulaganyong tsa bosiamisi jwa bosenyi, go akaretsa ditiro le maikarabelo a baamegi ba ba farologaneng le kamano magareng ga baamegi ba ba farologaneng; 

	
Tshekatsheko ya ditiro tsa ga jaanong kgotsa dithulaganyo tse di amanang le kgokaganyo le tirisano go kgabaganya lephata lotlhe la bosiamisi jwa bosenyi, segolobogolo magareng ga Mafapha, go akaretsa tiriso ya thekenoloji ya tshedimosetso le mefuta e e amanang le kokoanyo ya dintlha; 

	
Tshekatsheko ya ditiro tsa ga jaanong le ditsela tse di amanang le taolo ya kgetse, go karetsa tiro ya thekenoloji ya tshedimosetso le mefuta e e amanang le kokoanyo ya dintlha; 

	
Tshekatsheko ya tiragatso ya ditiro le melao ya bosupi le tsela ya bosenyi, le seabe sa yona le kutlwalo ya yona mabapi le khtliso ya dikgetse tsa bosenyi; 

	
Tshekatsheko ya ditiro tsa ga jaanong tse di malebana le beili  le kotlhao le melao; le 

	
Tshekatsheko ya go tlala ga dikgolegelo le dibakwa tsa tsona, go akaretsa kutlwalo ya ditiro tse di malebana le  beili le kotlhao le melao, le bagolegwa ba ba letileng tsheko, ka ga dikgolegelo tse di tletseng, 


ka maikaelelo a go  
	
Supa dithetelo le mathata mabapi le tiragatso ya ditiro tse di leng teng le ditsela mo mokgweng wa bosiamisi jwa bosenyi; 

	
Supa dithetelo le mathata a a amanang le tekanyetsokabo, badiri le didirisiwa tse dingwe mo mokgweng wa bosiamisi jwa bosenyi; 

	
Supa dithetelo le mathata a a amanang le kgokaganyo le tirisano mo mokgweng wa bosiamisi jwa bosenyi, segolobogolo magareng ga Mafapha, go akaretsa dintlha tse di mabapi le kokoanyo ya dintlha le dithulaganyo tsa tshedimosetso mo mokgweng wa bosiamisi jwa bosenyi; 

	
Supa dithetelo le mathata a a amanang le taolo ya kgetse mo thulaganyong ya mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi, go akaretsa merero e e malebana le kokoanyo ya dintlha le dithulaganyo tsa tshedimosetso mo mokgweng wa bosiamisi jwa bosenyi; 

	
Supa dithetelo le mathata mo tiragatsong ya molao wa bosupi le tsela ya bosenyi mo thulaganyong ya mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi;  

	
Supa dithetelo le mathata a a amanang le ditiro tsa beili le kotllhao mo thulaganyong ya mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi;  le 

	
Supa dithetelo le mathata a a amanang le bagolegwa ba ba letileng tsheko le dikgolegelo tse di tletseng mo mokgweng wa bosiamisi jwa bosenyi, 

le go dira dikatlanegiso  

	
Ka ga ditshiamiso kgotsa diphetogo tse di tshwanetseng go diriwa malebana le ditiro le ditsela mabapi le phediso ya dikgetse tsa bosenyi e e nonofileng gape e somarela; 

	
Ditshiamiso kgotsa diphetogo tse di tshwanetseng go diriwa malebana le tekanyetsokabo, badiri le didirisiwa tse dingwe go tokafatsa nonofo le maatla a thulaganyo ya mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi; 

	
Ditshiamiso kgotsa diphetogo tse di amanang le kgokaganyo le tirisano magareng ga baamegi ba ba farologaneng go tokafatsa nonofo le maatla a mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi, go akaretsa tlhomo ya motlolo wa kokoanyo ya dintlha wa botlalo go tllhagisa ka mokgwa wa saense mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi ka botlalo le motlolo o o maleba thata, o o tshwaraganeng, wa botlalo wa dithulaganyo tsa tshedimosetso; 

	
Ka ga ditshiamiso kgotsa diphetogo tse di tshwanetseng go diriwa tse di amanang le tsamaiso ya kgetse go tokafatsa nonofo le maatla a mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi; le 

	
Ka ga ditshiamiso kgotsa diphetogo tse di tshwanetseng go diriwa tse di amanang le ditiro le melao ya bosupi le tsela ya bosenyi, ditiro tsa beili le tsa kotlhao le melao, tse di emetseng bagolegwa ba ba mo tshekong le go tlala ga dikgolegelo go tokafatsa nonofo le maatla a mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi. 



4. DITLHAGISIWA TSA TSHEKATSHEKO 
Mo tsamaong ya tshekatsheko, ditlhagisiwa tse di latelang di tshwanetse go rebolwa: 
	
Setlhopha sa Tshekatsheko se tshwanetse go gokaganya ditiro tsa Setlhopha sa Patlisiso, se akaretsa baemedi go tswa mo baameging ba ba botlhokwa le ba ba latelang ba ba botlhokwa, bona ba, ba ba botlhokwa, ba tshwanetse go akaretsa babatlisisi ba ba nang le seriti; 

	
Pegelo e e kwadilweng ya tshekatsheko e e akaretsang: 

o	Mokgwa le ditiro; 

o	Diphitlhelelo le dikhutliso; le 

o	 Dikatlanegiso; 



	
Tlhagiso e e sosobanyang pegelo; 

	
Wekeopo e kwa go yona dipholo tsa tshekatsheko di ka tlhagisediwang Kabinete; 

	
Motlolo wa go keleka le go sekaseka maatla, nonofo, bomaleba le tshomarelo ya thulaganyo ya bosiamisi jwa bosenyi, go akaretsa karata ya sekoro le tsela ya tshekatsheko ya kotara le ya ngwaga ya mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi, le motlolo wa kokoanyo ya dintlha wa botlalo le motlolo wa dithulaganyo tsa tshedimosetso;  e bile 

	
Fa go tlhokega, khonferense e tshwanetse go tshwarwa go kopanya le go bona baamegi ba ba botlhokwa mo thulaganyong ya bosiamisi jwa bosenyi, go akaretsa baemedi go tswa kwa mafapheng a puso, akademia le sethaba. 



5. MOKGWA WA TSHEKATSHEKO 
5.1 Dikgato 
Tshekatsheko e tshwanetse go diriwa ka dikgato tse di latelang: 
	
Thulaganyo le kopo ya matlole; 

	
Tlhagiso ya motlolo; 

	
 Tshekatsheko; le 

	
 Pegelo. 



5.2 Sebopego 
Tshekatsheko e tshwanetse go dirisa dibopego tse di latelang: 
	
Setlhopha sa Tshekatsheko ya Bosiamisi jwa Bosenyi (Setlhopha sa Tshekatsheko); le 

	
Setlhopha sa Patlisiso sa Togamaano le Taolo sa Bosiamisi jwa Bosenyi (Setlhopha sa Patlisiso). 


5.2.1 Setlhopha sa Tshekatsheko ya Bosiamisi jwa Bosenyi 
Setlhopha sa Tshekatsheko se ya go bopa modi wa kaelo e e tswelelang ya sepolotiki ya Tshekatsheko. 
Maitlhomo: 
	
Go bona matlole a tshekatsheko; 

	
Go keleka, go tlhokomela le go kaela thulaganyo ya patlisiso ya Setlhopha sa Patlisiso; 

	
Go bega ka ga tswelelopele ya tshekatsheko; le 

	
Go netefatsa phasalatso ya dipholo tsa bofelo go baamegi botlhe. 


Tlhamego: 
Moemedi a le mongwe wa nngwe le nngwe ya mafapha a a latelang le ditheo: 
	
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo; 

	
Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa; 

	
Lefapha la Tirelo ya Kgopololo; 

	
Lefapha la Tirelo ya Loago; 

	
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo; 

	
Bothati jwa Bothothisi jwa Bosethaba; le 

	
 Lefapha la matlotlo. 


Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo e tshwanetse go nna Monnasetulo wa Setlhopha sa Tshekatsheko. 

5.2.2 Setlhopha sa Patlisiso sa Togamaano le Taolo sa Bosiamisi jwa Bosenyi 
Setlhopha sa Tshekatsheko se ya go bopa modi wa tiro ya patlisiso e e tshwanetseng go diriwa. 
Maitlhomo: 
Mo tekanyetsong ya maitlhomo a a fa godimo le dintlha tsa tshupetso tsa Tshekatsheko ya Thulaganyo ya Bosiamisi jwa Bosenyi: 
	
Go sekaseka matlhomeso a semolao, ditiro, ditsela, tekanyetsokabo le didirisiwa mo thulaganyong ya bosiamisi jwa bosenyi; 

	
Go sekaseka ditiro, ditsela le taolo ya kgokaganyo le tirisano go kgabaganya thulaganyo ya bosiamisi jwa bosenyi; 

	
Go dira patlisiso e e tlhokegang e e botlhokwa le e e latelang e e botlhokwa; 

	
Go bega ka ga tshektsheko fa go kopiwa go dira jalo; le 

	
Go dira dikatlanegiso malebana le nonofo, maatla, bomaleba le 


tshomarelo ya thulaganyo ya bosiamisi jwa bosenyi, 
go ntsha ditlhagisiwa tsotlhe tse di kailweng fa godimo. 

Tlhamego: 
Setlhopha se tshwanetse go akaretsa: 
Moemedi go tswa go nngwe le nngwe ya mafapha a a latelang le ditheo: 
	
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo; 

	
Bothati jwa Bothothisi jwa Bosethaba; 

	
Moatlhodi kgotsa magiseterata yo o tshisintsweng ke Moatlhodimogolo morago ga therisano le Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo; 

	
Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa; 

	
Lefapha la Tirelo ya Kgopololo; 

	
Dipalopalo tsa Aforika Borwa; 


 Boto ya Thuso ya Semolao; le setlhoha sa babatlisisi ba ba nang le seriti, go akaretsa le ba ba tswang kwa Khomieneng ya Tlhabololo ya Molao ya Aforika Borwa. 
Mokaedikakaretso wa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo o tshwanetse go nna Monnasetulo wa Setlhopha sa Patlisiso. 
Bokwaledi bo tshwanetse go tlhamiwa go tlamela tshegetso go Ditlhopha tsa Patlisiso le tsa Tshekatsheko. Bokwaledi bo tshwanetse go tsenngwa kwa Kantorong ya Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo. 
6. DITLHOKEGO TSA DIDIRISIWA TSA TSHEKATSHEKO 





6.1 Dibaka 
Pegelo ya bofelo e tshwanetse go romelwa Moporesidente, ngwaga o le mongwe go simolola ka letlha la tshimololo, ka dipegelo tsa nakwana, fa e kopiwa. 

6.2 Tekanyetsokabo 
Go solofelwa gore tekanyetsokabo ya bokana ka R10 m e ya go tlhokega, e e yang go tlamelwa ke Lefapha la Matlotlo. 

