Go rulaganya go duela madi a a salatseng kwa morago a lekgetho a yang go SARS
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Ka tlwaelo, makgetho a duelwa ka letlha le le totobaditsweng mo kitsisong ya tshekatsheko kgotsa kitsiso efe kapa efe ya tuelo e e rebotsweng ke Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho . Fa bogolo ba madi bo sa duelwa ka letlha, o tla newa maikarabelo a go duela morokotso le dikwatlhao.
Fa go ka diragala gore o retelelwe ke go duela bogolo jwa madi a o tshwanetseng go a duela ka letlha le le totobaditsweng, o ka kopa go dira dithulaganyo tsa tuelo ya bogolo jwa madi a a diegisitsweng.
Tiegiso ya dithulaganyo tse di amang bogolo jwa madi a a setseng mo akhaotong e ka tsaya boleele jwa dikgwedi di le tharo, go ikaegilwe ka mabaka a neetsweng mo kopong.
SARS e tla sekaseka kopo ya gago mme e tseye tshweetso ka ga tuelo e e diegisitsweng. Tsweetswee, o tsiboswa gore SARS e na le ditshiamelo tsa go se amogele kopo ya gago.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Romela kopo ya thulaganyo ya tuelo e e diegisitsweng go SARS ka tsela e e:
dikopo tsa tuelo e e diegisitsweng ka thulaganyo di ka romelwa ka letsogo go lekala le legaufi la dikantoro ya SARS
dikopo tsa mo mogaleng di ka dirwa kwa marakanelong a go batla thuso dikopo ka fekese di ka romelwa kwa borakanelong jwa Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho kgotsa go lekala le le gaufi la kantoro ya SARS.
Saena tumelano ya tuelo ya tiegiso pele ga thulaganyo e ka lemogiwa mo rekotong ya gago ya lekgeto.
Fa go ka diragala gore o retelelwe ke go ikanyega maleba le tuelo ya tshalelo morago ya lekgetho jaaka e tlhalositswe mo tumalanong e e saenweng le SARS, thulaganyo ya tumalano e tla fedisiwa mme go tla simololwa go sadiwa morago ka tshwanelo tsamaiso ya go tsaya bogolo jwa madi a o tshwanetseng go a duela.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Ga go nako e e tsepameng e e beilweng ya tirelo.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ga go diforomo tse di tladiwang.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
