Kopo ya thebolo ya poo, kolobe ya naga, pitse e tona gore di ntshiwe moroto wa senna
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Phologolo e ka rebolwa go neelana ka bosika jwa yona fa ngaka ya diphologolo e netefaditse gore phologolo ya mothale o e a amogelesega malebana le:
maemo a pholo ka kakaretso go tlhoka malwetse boleng jwa kwa godimo jwa moroto wa senna diponagalo dingwe tse di ka neelwang.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Bula saete mme o tlatse diforomo tsa kopo o gatisa ka ditlhakakgolo. Diforomo di ka kopiwa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo.
Kopo e tshwanetse go dirwa ka leina la lefelo mo phologolo e tlileng go bewa mo go lona.
Kopo e tshwanetse go romelwa kwa sosaeteng sa barui se se maleba.
Ditokomane tse di latelang di tshwanetse go romelwa ga mmogo le lekwalokopo:
lokwalo lo lo anameng lo lo supang tshika ya ntlha le ya bobedi e e kanesitsweng ke Mokgatlho wa Studbook kgotsa Bothati jwa Ikwadiso setefikeiti sa DNA/ sa mofuta wa madi rekoto ya ditiro tsa phologolo madi a tuelo a a beilweng.
Nomoro ya Akhaonte: 011219556
Khoutu ya lekala: 000845/010845
Dikopo di tshwanetse go kanisiwa ke ngaka ya diphologolo ya poraefete mme di kanwe ke motlhankedi wa malwetse a leruo.
Romela dikopo go:
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Fa mokwadisi a gana go aba kopo, mokopi o tla itsisiwe ka lekwalo malebana le tshwetso ga mmogo le mabaka a e ganwang ka ona.
Fa e le gore mokwadisi o aba kopo e e atlegileng ya thebolo ya phologolo e e rileng jaaka go ntshiwa moroto wa senna mo go yona, go tla abiwa setefikeiti sa thebolo.
Godimo
Tlhotlhwa
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
