Kopo ya tetla ya go reka ditlhapi go tswa kwa dinageng tse dingwe go gweba ka tsona
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Go tlisa ditlhapi mo nageng go gweba ka tsona go kaya go nna le seabe mo ditiragalong tse di jaaka go tlisa ditlhapi tsa metsi mo nageng go gweba ka tsona. Gotlisa ditlhapi tsa metsi mono, o tshwanetse go dira kopo ya tetla ya go tlisa mono e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa yo o neetsweng thata eo. Ga go ope yo o tshwanetseng go tlisa ditlhapi mono ntle le tetla. Dira kopo ya tetla e ntšhwa ya go tlisa mono fa e e leng teng e feletswe ke nako. Go retelelwa go dira jalo go tlisa go beelwa thoko nakwana kgotsa go phimolwa.
NB: Tetla ya go tlisa mono ga e akaretsa tlhapi ya metsi a a phepa e e tsamisiwang ke Lefapha la Temothuo. Dikopo tsa ditetla tsa ditlhapi tsa metsi a a phepa kgotsa a lwa go bothito di tshwanetse go dirwa kwa Lefapheng la Temothuo.
Dikganelo tse di latelang tsa go tlisiwa mono di a dira:
Tetla ya go tlisa mono e e rebolelwang abalone nngwe le nngwe, rock lobster lemefuta e e tlhagelelang mo Molao wa Ditshedi tsa Lewatle , 1998 Mametlelelo 4, 5 & 12 e tla dira ka leeto lengwe le lengwe
Ke kankarapa fela e e suleng dikgapetla ya bokete jwa 600 g kgotsa go feta nngwe le nngwe mme e sa fete ditone di le 25 e e ka tliswang mono .
Ga go kankarapa e e tshelang e e tshwanetse go tliswa mono.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Bona foromo ya go romela kopo ya gago go Kantorong ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo kgotsa kantoro ya lekala ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa o ka e ntsha mo go http://www.mcm-deat.gov.za
Buisa foromo ya kopo ka kelotlhoko mme o netefatse gore o fitlhelela ditlhoko le dipeelano tsa kopo:
Tlamela ka tshedimosetso e e latelang:
aterese ya bonno ya baromelantle ba naga e di tswang kwa go yona maina a a tlwaelegileng le a saenthifiki a mefuta eo palo ya mefuta e e tlisiwang mono.
Romela kopo ya gago le ditlankana tse di latelang:
khopi e e kannweng ya ekwaloitshupo la gago le ditlankana tsa kwadiso ya setlamo, setlamo se se kopanetsweng kgotsa terasete dikhopi tse di kannweng tsa ditetla tse di dirang tsa go tlisa mono go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Madirelo kgotsa dikitsiso tsa tetla dikhopi tse di kannweng tsa Setifikeiti sa Tshekatsheko ya Lekgetho jaaka se dumeletswe le go rebolwa ke Tirelo ya Matlole ya Aforika Borwa .
Itsise lekala le le gaufi nao la Biro ya Maemo ya Aforika Borwa ka ga themelontle ya gago fa e le gore tlhapi e o ratang go e romela ntle ga e foreše e bile e sa siamela go jewa ke batho.
Tlatsa, saena mme o posetse foromo ya kopo ya thomelontle le ditlankana tse di tlhokegang go Kantoro ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo..
Dikopo tse e seng dikhopi di tshwanetse go posiwa, e seng jalo tetla ga e ne e rebolwa.
Madi a kopo a bokana ka R225 a a tlhokega.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Tiragalo ya kopo e ka tsaya matsatsi a le 7 kgotsa go feta go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.
Godimo
Tlhotlhwa
Madi a kopo a bokana ka R225 a a tlhokega. Ditlhwatlhwa di sekasekwa kgotsa go tlhongwa ngwaga le ngwaga ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa bothati jo bo tlhophilweng, ka tirisano le Tona ya Matlotlo.
Dintlha tsa Banka tsa Tuelo ya Madi a Dikopo tsa Tetla ya go Tlisa mono:
Nomoro ya Akhaonto. 62123256382
Nomoro ya Referense. Ikgolaganye le Tikwatikwe Tirelo ya Badirisi mo go 0861 123 626
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
