Kopo ya go romela dithoto ka mo nageng
Tlhaloso
Go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Kgwebo wa Boditšhabatshaba, Molao wa 71 wa 20002 Tona a ka nna, fa a bona go mo tshwanelo kgotsa a bona go tlhokagala mo kgatlhegelong ya setšhaba, a tsenya kitsiso mo Kaseteng, a laela gore ga go na dithoto, kwa ntle ga tsa maemo a a rileng kgota tsa mofuta o o rileng,tse:
Di tla romelwateng ka mo RSA fa fela di le ka fa tlase ga taolo ya kgotsa go ya ka maemo a a kailweng ka mo phemiting e e filweng ke ena kgotsa ka motho yo o laetsweng ke ena.
Dikopo tsa diphemiti tsa thomeloteng ya thomelo ya dithoto, tse di leng ka fa tlase ga tekanyetso ya taelo ya taolo ya thomeloteng, e tshwanetse go kopiwa ka go dirisa foromokopo e e laoletsweng.
Maikaelelo a go neela ke go netefatsa gore dithoto tse di dirisitsweng tse di romelwangteng, ga di senye intaseteri ya Melao ya Melelwane ya Yunione ya Aforika Borwa . Neelo e gape, e godisa taolo ya boitekanelo jwa tikologo le mabaka a pabalesego le tshireletsego le kobamelo e e tlhotlhwa. Gape e godisa taolo ya maikaelelo a go obamela mabaka a tikologo.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Kgwebo le Intaseteri
Dikgato tse di latelwang
Diforomokopo di tshwanetse go tladiwa mme tsa isiwa..
Isa diforomo go Bokaedi: Taolo ya Thomeloteng le Thomelontle, ITAC.
Moalo o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Go ka tsaya malatsi a le mararo go tsweletsa kopo ya gago.
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe
Diforomo tse di tladiwang
Lefelo, bodirelo, diaterese le megala
