Kopo ya ditshwanelo tsa temo ya dijalo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Ditshwanelo tsa temo ya dijalo di abelwa mefuta fela ya dijalo e e kgoeleditsweng go ya ka Plant Breeders' Rights Act, 1976 . Go buiwa ka mefuta e e ka nnang 290 ya dijalo mo lenaneng la dijalo le ka lona ditshwanelo tsa temo ya dijalo di ka abiwang.
Mokwadise wa Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo a ka nna a tsaya mefuta jaaka kabelo e ntshwa ya ditshwanelo tsa temo ya dijalo fa:
Sere se se gasagasang sa mefuta ya dijalo se ise se rekisiwe mo Aforika borwa mo sebakeng se se fetang ngwaga.
Mo lebakeng la pharologano ya mefuta ya ditlhare kgotsa morara, sere se se gasagasang se ise se nne teng kwa nageng nngwe, mo kgwebong kgotsa mo bathong mo nakong ya dingwaga di le thataro, kgotsa maelana le sejalo sengwe le sengwe, nako ya dingwaga tse di fetang nne.
Sere se se gasagasang se tshwanetse go nyalana le ditlhokego tsa DUS :
e tshwanetse go bonagala sentle go tswa mo mefuteng e mengwe ya losika le le lengwe e nne e e tshwanang, ke gore dijalo tsotlhe tse di jetsweng e nne tse di tshwanang di bo di nne le diponagalo tse di tshwanang e tlhomame, ke gore dimela tsa mofuta mongwe o o rileng di tshwanetse go lebega jaaka dijalo tsa motheo e tshanetse go nna le lekala le le amogelesegang.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Leba Lenane 1 ya Plant Breeders' Rights Act go netefatsa gore mofuta wa semela se se tlhokang tshireletso go dirile kgoeletso ka sona.
Fa mofuta wa sejalo o se mo lenaneng, tsenya kopo ya kgoeletso mme o kwale lekwalo le mo go lona o nayang mabaka o le lebise go: Mokwadise wa Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo.
Fa mofuta wa sejalo o le mo Lenaneng, dintlha tse latelang di tshwanetse go romelwa:
foromo ya kopo e e tladitsweng ka botlalo lenanepotso la Setegeniki lekwalo kopo le le beilweng ga mmogo le tuelo ya tlhatlhobo sata kgotsa sere se se gasagasang lekwalo la thebolo go tswa kwa go mong, fa e se wena o jetseng dijalo, tlhophileng kgotsa dirileng mefuta ya dijalo.
O tshwanetse go supa ka tsela e e tlhaloganyesegang mo lenanepotsong la setegeniki gore sejalo se ka tshwantshangwa le dife mo go netefatsa dipharologano.
O ka nne wa dira kopo ya tshireletso ya nakwana ya mefuta ya dijalo. Se se raya gore mofuta wa mothale o, o sireleditswe go fitlha nako ya tshekatsheko e feta. O tshwanetse go kwala lekwalo le le tlhalosang gore ga o a ikaelela go rekisa, mofuta mongwe le mongwe wa kgasakgaso o go buiwang ka ona go fitlha diteko di weditswe mme ditshwanelo tsa temo ya dijalo di abilwe. Tshireletso ya nakwana e ka atlanegisiwa mo dimeleng tse diteko tsa tsona di tsayang nako e e fetang ngwaga.
Go na le matlha a a beilweng a ka ona ditokomane le dire tse di gasagasang di ka isiwang go Mokwadise. Matlha a, bontsi jwa dire tse di gasagasang tse di tshwanetseng go romelwa ga mmogo le ko di tshwanetseng go pagololwa gona, di ka fiwa mokopi fa a di kopa.
Fa go na le lenane la mefuta e e farologaneng ya dijalo e e dirilweng go ya ka ditshwanelo tsa temo ya dijalo, o ka tsenya kopo e segongwe go boloka madi le nako.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Tiro ya go sekaseka ditshwanelo tsa temo ya dijalo e ka tsaya setlha sotlhe sa selemo.
Godimo
Tlhotlhwa
Madi a kopo malebana le tetla ya dijalo tsa methalethale:R1 300 nngwe le nngwe
Tuelo ya tlhatlhobo ya tetla ya dijalo tsa methalethale ya Khathekori A : R2 200 nngwe le nngwe
Tuelo ya tlhatlhobo ya tetla ya dijalo tsa methalethale ya Khatekori B : R3 000 nngwe le nngwe
Tuelo ya tlhatlhobo ya tetla ya dijalo tsa methalethale ya Khatekori B : R2 600 nngwe le nngwe
Madi a go fiwa tlhokomelopele go ya ka karolo 8 ya Plant Breeders' Rights Act, 1976 mo kopong ya kabelo ya tshwanelo ya temo ya dijalo: R700 nngwe le nngwe
Kganetso ya kabo ya tshwanelo ya temo ya dijalo: R4 500 nngwe le nngwe
Tuelo ya ngwaga le ngwaga ya tshwanelo ya temo ya dijalo: R250 nngwe le nngwe
Kopo ya go abiwa ga laensense ya pateletso malebana le tshwanelo ya temo ya dijalo: R3 600 nngwe le nngwe
Kitsiso ya tshutiso ya tshwanelo ya temo ya dijalo: R650 nngwe le nngwe
Kopo ya go siamisa kgotsa go oketsa lekala le le rebotsweng la mefuta ya dijalo: R1 500 nngwe le nngwe
Kganetso kgatlhanong le thebolo e go ikaelelwang go e dira ya go siamisa kgotsa oketsa lekala le le reboletsweng mefuta ya dijalo: R650 nngwe le nngwe
Kganetso kgatlhanong le maikaelelo a go fedisa tshwanelo ya temo ya dijalo: R650 nngwe le nngwe
Kitsiso ya boineelo jwa boitlhophelo jwa tshwanelo ya temo ya dijalo: Ga e duelelwe
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
