﻿
Kopo ya tetla ya go ithuta
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tetla ya go ithuta ke tokomane e e neelang batswantle ditshiamelo tsa go ithuta le setheo sa thuto se se golwane mo Aforika Borwa. Dira kopo ka boene kwa Embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa Boromiweng.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya BI-159.
Ntsha:

lekwalo la semmuso kgotsa bopaki jwa ikwadiso go tsawa mo setheong se se kwadisitsweng sa thuto mo Aforika Borwa
dintlha tse di amang dithulaganyo tsa manno
bopaki jo bo supang fa o na le madi a a lekaneng a dithuto, go itlhokomela le ditshenyegelo tse dingwe
neelana ka setifikeiti sa mapodisi se se phimolang melato yotlhe go tswa kwa dinageng tsotlhe tse mokopi a ntseng kwa go tsona sa nako e e fetang ngwaga. Setifikeiti se tshwanetse go neelwa mo nakong e e sa feteng dikgwedi di le lesomepedi fa o sa se tshola mo nakong eo
ntsha khopi ya tekete ya go fofa e e boelang morago kgotsa netefatso ya pusetso gae ka tsela ya peeletso e e lekanang le tlhotlhwa ya tekete ya go fofa ya go ya kwa nageng ya botsalo/tlhago kgotsa ya bodulo, fa go tlhokega
neelana ka setifikeiti sa ngaka se se supang gore mokopi o itekanetse


Bakopi ga ba a tshwanela go tsena mo Aforika Borwa pele kopo e rebolwa

Bakopi ba kopo ya bona e rebotsweng, ba neelwa visa ya go tsena makgetlho a mantsi.

Bana ba ba tlhokang tlhokomelo  ba tshwanetse go neelana ka dintlha tsa MoAforika Borwa yo o tla dirang jaaka motlhokomedi wa bona. Dintlha ka ga motho yo, di tshwanetse di neelwe le lekwalo le le tiisang ntlha e, bopaki jo bo tswang kwa go batsadi ba ngwana ka bobedi jo bo netefatsang maikaelelo a ngwana a go nna, kgotsa go tswa kwa go motsadi a le mongwe yo e leng ena a le nosi yo o tlhokometseng ngwana yoo.

Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Dibeke di le robedi.

Godimo

Tlhotlhwa

R425

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for a study permit, BI-159 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


