Kopo ya setefikeiti sa thekontle ya bojalwa
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Go tlhokega setefikeiti sa thekontle go dira thekontle ya dikumo tsa bojalwa go di tlisa mo Aforika borwa. Go tlo batlwa setefikeiti sa thekontle kgotsa khopi ya sona pele diphasela tsa bojalwa di gololwa kwa lefelo-bogorogelong.
Morenkantle o dira kopo ya setefikeiti sa thekontle gangwe fela mo nakong ya fa kumo e ntse e tsweletse go dirwa. Morago ga fa, o tla dirisa nomoro ya sona setefikeiti se sa thekontle go reka fa fela, motswako wa bojalwa, diteng tsa bona, saese ya lebotlolo le letshwao la kumo e le ise le fetolwe.
Setefikeiti sa thekontle ga se tlhokagale mo dikumong tsa bojalwa tse bogale ba alekhaholo bo leng kwa godimo ga peresente e le nngwe bo bo rekelwang go nwewa mme e bile bo tsentswe mo morwalong wa motho yo o gorogang mo Aforika borwa, fa dikumo tsa mothale o:
bontshi ka gotlhe jwa nno bo sa fete dilitara di le 12
mme maikaelelo e le gore motho yo o bo rekileng o ya go nwa bojalwa jo kgotsa bo ya go nowa ke balelapa la gagwe kgotsa ditsala tsa gagwe tse di sa tlo bo duelelang.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya kopo.
Lekwalokopo lengwe le lengwe le tshwanetse go tla le sampole e e nang le bonnye 750ml ya kumo e go buiwang ka yona.
Fa e le thekontle e e setseng e phuthetswe kgotsa e tsentswe mo mabotlolong, romela sampole mo botlolong e e nang le letshwao le e tlileng go rekisiwa ka lona.
Isa sampole ya bojalwa jwa thekontle jo bo rekiwang ka bontsi bo le mo lebotlolong le le tlwaelegileng la 750 ml.
Isa sampole kwa ofising ya Lekala la Dikumo tsa Bojalwa kwa Stellenbosch.
Isa setefikeiti se se amogelesegang sa tshekatsheko se se abilweng ke motlhankedi wa laboratori go tswa kwa nageng e kumo e tswang kwa go yona. Fa se se seyo, Lekala la Dikumo tsa Bojalwa le tla dira ditshekatsheko tsa dikhemikale mo sampoleng.
Fa e le serekwantle se se phuthetsweng kgotsa se se mo botlolong, go tla sekasekiwa letshwao le le mo botlolong go netefatsa gore le kgotsofatsa ditlhokego tsa Liquor Products Act, 1989..
Fa bojalwa ba thekontle bo le bontsi go tla sekasekwa diteng tsa bona. Letshwao le tla sekasekwa fa o kopa tetla ya go rekisa setefikeiti.
Lekala le tshwanetse go amogela tuelo pele setefikeiti sa thekontle se abiwa.
Setefikeiti sa thekontle se tla abiwa fa diteng le letshwao, fa bojalwa ba thekontle bo setse bo le lebotlolong, le diteng, le fa bojalwa jwa thekontle bo le bontsi, le fa kumo e kgotsofatsa ditlhokego tsa Liquor Products Act, 1989 . Go tloga fa morwalo wa bojalwa o ka nne wa romelwa ntle.
Naya Lekala la Tshekatsheko ya Boleng Division Quality Audit kitsiso ya diura di ka nna 48 nako nngwe le nngwe pele morwalo wa bojalwa, o o setseng o abetswe setefikeiti sa thekontle ya bona, go goroga mo Aforika borwa.
Fa dikumo tsa bojalwa di goroga mo Aforika borwa, morekantle o tshwanetse go bona lekwalo go tswa go Lekala la Tshekatsheko ya boleng go tsaya bojalwa kwa lefelo-bogorogelong go bo isa kwa a ratang teng.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Ga go na nako e e beetsweng tirelo e.
Godimo
Tlhotlhwa
Tshekatsheko ya sampole ya thekontle: R310
Tuelo ya tshekatsheko go ya ka motshelo wa tshekatsheko ya bojalwa
Fa morekantle a ka naya ba Lekala la Dikumo tsa Bojalwa setefikeiti se se amogelesegang sa tshekatsheko se se ntshitsweng ke laboratori ya semmuso ya mo nageng e kumo e tswang mo go yona, morekantle a ka newa thebolo ya go se dueleDi R290.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
