Kopo ya go baakanya diphoso mo paseng ya gago
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Baagi ba Aforika Borwa, ba dipasa tsa bona di nang le dintlha tse di fosagetseng, ba tshwanetse go dira kopo ya go baakanya diphoso tse, kwa kantorong ya Merero ya Selegae. Kopo e ka dirwa gape kwa Embasing Ya Aforika Borwa kgotsa Boromiweng fa o le kwa mose.
Diphoso tse di tlwaelegileng tse di bonwang mo dipaseng mme mokopi a rata go di siamisa di akaretsa tse di latelang:
maina le difane tse di fosagetseng ditshwantsho tse di fosagetseng aterese e e fosagetseng letlha la matsalo le le fosagetseng bong jo bo fosagetseng.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya kopo ya B1-9 le B1-309 kwa dikantorong tsa Merero ya Selegae.
Ntsha bopapi jwa tshedimosetso e e nepagetseng , sekao, setifikeiti sa matsalo, setifikeiti sa kolobetso, lekwalo la sekolo kgotsa lekwalo la botsetse.
Neelana ka ditshwantsho tsa pasa tse pedi fa o isa kopo ya gago.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Tirelo e, e ka tsaya dibeke di le 4 go ya go 6.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
