Kopo ya go oketsa madi a motshelo
Tlhaloso
Madi a motshelo ke madi a o a duelang fa o dira thekontle ya dithoto kwa ntle ga Aforika borwa. Motshelo o tshwanetse go duelwa go thusa di-intaseteri tse di kopaneng tsa Aforika borwa gore di kgone go phadisana le dithoto tse di tswang kwa dinageng tsa kwa ntle. Madi a motshelo a thusa go mo tokafatsong ya ekonomi e e tsweletseng ka go tokafatsa kgaisano ya dikgwebo tsa boditshabatshaba ke go dirisa ditlamelo tsotlhe ka botlalo.
Kakanyo e e rategang ke ya go tshola madi a motshelo a le kwa tlase, le go oketsa makgetho a a tlaelegileng mo dikumong tse di rileng mo mabakeng a a kgethegileng. Koketso ya motshelo e tsewa e siame fa fela e ka thusa mo tsweletsong ya intaseteri go ya ka maitlhomo a ekonomi a bosetshaba .
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Tlatsa foromo ya kopo.
Isa diforomo tsa kopo kwa Yuniting ya Ditshekatsheko tsa Madi a Motshelo.
Molao o o dirisiwang
Boemo jwa Tirelo
Kopo e tsaya dikgwedi di le nne go ya go di le lesomepedi go konosediwa.
Tlhotlhwa
Ditshenyegelo di tla laolwa ke tsela e tirelo ya dikumo kgotsa dithoto e diragadiwang ka teng.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Bodirelo, diaterese le megala
