Kopo ya nyala ka fa tlase ga molao wa lenyalo la setso
Tlhaloso
Lenyalo la setso le go tsenwang mo go lona ka fa tlase ga molao wa setso. Fa monna a nyalana le mosadi ka fa tlase ga molao wa selegae mme a ba a swetsa go nyalana gape le mosadi wa fetang a le mongwe gape, basadi ba bangwe ba tla amogelwa ka fa tlase ga molao wa setso.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Merero ya Selegae.
Dikgato tse di latelwang
Lenyalo le tshwanetse go buisanwa , le ketekwe mme le go tsenwe mo lona go ya ka molao wa setso.
Badiradikopo ba ba dulang kwa magaeng ba tshwanetse go tlhagisa lekwalo le tswang kwa kgosing
Badiradikopo ba ba dulang kwa metsesetorong ba tshwanetse go tlhagisa pego ya maikano.
Gore lenyalo le diragale, makoko a mabedi a a nyalanang le dipaki go tswa mo losikeng longwe le longwe, ba tshwanetse go nna teng.
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Setefikeiti se se khutswafaditsweng se ntshiwa ka bonako
Setefikeiti se se sa khutswafatswang se tsaya dibeke di le 6 kgotsa 8
Tlhotlhwa
Setefikeiti se se khutswafaditsweng sa lenyalo: R10
Setefikeiti se se sa khutsafatswang sa lenyalo: R45
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
