
Kopo ya go fetola difane tsa babotlana 
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Motsadi a ka dira kopo ya go fetola difane tsa mmotlana fa:

ngwana a tsetswe kwa ntle ga lenyalo mme, mme a nyetswe ke motho mongwe fela yo o seng rre wa ngwana wa madi

lenyalo la rre wa ngwana le thubegile ka mokgwa wa tlhalano kgotsa loso, mme, mme a nyalwa gape
jaaka motlhologadi kgotsa motlhalwa , mme o batla go boela kwa leineng la la botsalo kgotsa sefane sa gagwe sa lenyalo le le fetileng
ngwana yo o tsetsweng ka kwa ntle ga lenyalo o kwadisitswe ka fa tlase ga sefane sa ga rre wa gagwe wa madi.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa dikopoforomo BI-193 go nngwe le nngwe ya dikantoro tsa Merero ya Selegae. Dira kopo kwa Embasi ba botseta ba Aforika Borwa kgotsa kwa Boromiweng fa o le moseja wa mawatle.
Tlhagisa tumalano ya lekwalo le le tswang go monna yo ngwana a batlang go dirisa sefane sa gagwe .
Tumalano e a tlhokega go tswa go batsading ba babedi, gape le mabaka a lekaneng a a kwadilweng a phetogo .
Tumalano e e kwadileng ke rre wa madi kwa ntle fela fa e lebeletswe ke kgotla tshekelo e e nonofileng.

Godimo

Molao o dirisiwang



Identification Act, 1997  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Dikopo di tsaya dikgwedi tse 4 go ya go 6.

Godimo

Tlhotlhwa

R58

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Change of surname of a minor, BI-193 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


