Kopo ya tsosoloso ya boagi jwa Aforika borwa
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Motho mongwe le mongwe yo e kileng ya bo e le moagi wa Aforika borwa ka matsalo kgotsa ka tshika, mme setse a tlogetse boagi jwa Aforika borwa kgotsa a fetoga mme go nna moditšhaba, a ka dira kopo ya go tsosolosa boagi jwa gagwe jwa Aforika borwa.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo BI-175 ga mmogo le BI-529 kwa ofising nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae.
Tlatsa foromo B1-9 mme o ise ditshwantsho tse pedi tsa paseporoto tsa sešeng.
Isa lekwalo le le tlhomamisang gore mokopi jaanong o agile mo Aforika borwa.
Isa khopi ya tokomane ya lekwaloitshupo.
Isa khopi ya setefikeiti tsa lenyalo .
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kopo e ka tsaya dibeke di le 6 go ya go di le 8 .
Godimo
Tlhotlhwa
Tsosoloso ya boagi jwa naga: R128
Lekwaloitshupo: R16
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
