Kopo ya boikwadiso jwa phokoletso
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tirelo e e neelana ka tshedimosetso ya go ikwadisetsa phokoletso le Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho. Phokoletso e, ke phokotso ya lekgetho la diromelateng le le duelwang fa dithoto di romelwa.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Modirakopo e seng motho wa boraro o tshwanetse go tlatsa foromo e seng jalo kopo e ka se amogelwe kgotsa ya sekasekwa
Mo karolong ya mofuta wa modirelwa lebelela Mo lebokosong la phokoletso mo karolong ya boikwadiso.
Mo karolong ya kgwebo e e rileng Mofuta wa II wa Modirelwa, o tshwanetse go tlhomama:
leina la kgwebo ya gago leina la mmila wa lebenkele la phokoletso le nomoro leina la lebato le nomoro ya kago fao kgwebo ee diragadiwang teng lefelo la bodirelo le kgwebo e fitlhelwang mo go yona teropo e kgwebo e fitlhelwang mo go yona khoutu ya mmila wa bonno fa kgwebo e fitlhelwang mo go ona.
hata ya karolo ya go dira kopo e tshwanetse go tladiwa ke mokopi fa go dirwa kopo ya boikwadiso jaaka modirisi wa phokoletso.
Leina la mokopi kgotsa la boikwadiso jwa bojotlhe e seng go tlhagisa leina la kgwebo mo lephateng le.
mo go tlhagelelang naletsana () tlosa sengwe le sengwe fa go tlhokegang.
Mo karolong e e rileng ya lebenkele la phokoletso, o tshwanetse go tlhomama:
tlhaloso ya dithoto tse di tla bolokwang ka fa lebenkeleng la phokoletso.
ditlhogo/Dilwana tsa kelotefo ya dithoto tse di romelwang di tla bolokwa ka fa lebenkeleng la phokoletso.
dintlha tsa phokoletso tse di ka fa tlase ga mametlelelo ya dinomoro 3, 4, 5 le 6.
tlhaloso ya dikuno tsa dithoto tse di romelwang/dimeteriale.
Mo karolong ya kano go tshwanetse go totobatswa:
ditlhakaina le sefane sa motho yo o dirang kopo ya go nna le laesense maemo motho yo o dirang kopo, sekao: Mokaedi, Molaodi le Mong motho yo o dirang kopo o tshwanetse go saena foromokopo letlha le kopo e tshwanetseng go saenwa ka lona lefelo le kopo e tshwanetseng go saenwa kwa teng.
Modirakopo o tshwanetse go romela foromo e e tladitsweng kwa kantorong e e gaufi ya Madirelo a Aforika Borwa ya Makgaetho le Ditirelo tsa Melelwane.
Pataganya kopo le dikhopi tse di gatisitsweng tse di latelang:
setefikeiti sa boikwadiso sa kgwebo jaaka se rebotswe ke Mokwadisi wa Ditlamo kgotsa Molaodi wa Kgotlatshekelo fa e le Therasete tshweetso/Kamego kgotsa thata nngwe e e ka nnang teng lefapha la Dikgwebo le Madirelo le a letlelela fa go tlhokega fomula fa o dira kopo ka fa tlase ga dintlhana tsa phokoletso 607.04.10, 607.04.10, 607.04.10 le 607.04.10
ditlankana tsa boitshupo fa o le moagi wa Aforika Borwa kgotsa ditlankana tsa phaseporoto fa o se moagi mo go:
motho ka mong bangkanna ba Kgwebo e e Kopetsweng le Teresete - Ditokololo tsotlhe/Bangkaena/Diteresete setlamo - Bakaedi botlhe, go tsenyeletsa le Molaodi Mokaedi le Mokaedi wa Matlotlo .
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Tšhatara/Leano la Tirelo la SARS le neelana ka boemo ba ditirelo jo bo diragatswang ka 2007.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
