Kopo ya go ikwadisa jaaka moromelateng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tirelo e neelana ka tshedimosetso ka fa go ikwadisetswang go nna moromelateng le Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho .
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Foromo ya kopo e e tshwanetseng go tladiwa ke mokopi mme e seng motho wa boraro, fa go se jalo kopo ga e na e amogelwa.
O kopiwa go dirisa kaelo ya kopo go go thusa go dira laesense .
Mo karolong ya mofuta wa modirelwa:
sekaseka lebokoso la netefatso la moromelateng ka fa tlase ga karolo ya ikwadiso.
Mo karolong ya ikwadiso dintlha tsa moromelateng di kaiwe ka tlhomamo jaana:
leina la kgwebo leina le nomoro ya mmila wa kgwebo leina le nomoro ya lebato le moago mo kgwebo e e fitlhelwang mo lona lefelo le fa go gwebelwang teng teropo fa go gwebelwang teng khoutu ya mmila wa lefelo le kgwebo e e fitlhelwang mo go lona ke mang yo nang rwalang maikarabelo a go tlhamiwa le go romela ditlankana tse di yang kwa go Madirelo a Aforika Borwa ; le kgotsa o tla tlhama le go romela ditlankana kgotsa moemedi o tla thapiwa go dira se.
Karolo ya Dithata tsa go dira kopo e tshwanetse go tlatsiwa ke motho yo o dirang kopo ya boikwadiso jaaka moromelateng.
Leina la mokopi kgotsa boikwadiso jwa thoto, e seng leina la kgwebo, le tshwanetse go tlhalosiwa fa.
fa go tlhagelelang naletsana (), ralatsa/tlosa dintlha tse di sa tlhokegeng ka fa go kgonagalang.
Mo karolong ya boitlamo, dilo tse di latelang di tlhomame ka tatelano tlhakaina le sefane sa motho yo o dirang kopo ya tetla seemo sa motho yo o kopang, sekao mokaedi, molaodi, mong motho yo o dirang kopo o tshwanetse ke saena foromo ya kopo lefelo le foromo e saenelwang mo go lona lefelo le kopo e saenetsweng mo go lona.
Tlatsa foromo ya kopo mme o e romele go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho le Ditirelo tsa Melelwane.
Gokelela dikhopi tse di latelang, tse di gatisitsweng mme di kannwe:
kwadiso ya disetefikeiti tsa kgwebo tse di ntshitsweng ke mokwadisi wa ditlamo kgotsa mookamedi wa Kgotlatshekelokgolo mo go fitlhelwang e le therasete tshwetso kgotsa tetla kgotsa thata nngwe jaaka go tlhokega lefapha la Dikgwebo le Madirelo le amogela fa go tlhokega sekaelo fa o dira kopo ka fa tlase ga ntlhana ya phokoletso 607.04.10, 60704.10, 607.04.10 le 607.04.10
ditokomane tsa boitshupo/pasa fa o le moagi wa Aforika Borwa
Ditokomane tsa Phaseporoto fa o se moagi wa Aforika Borwa:
Mongwe
Mogwebisani mo mokgatlhong wa kgwebo kgotsa therasete - ditokololo tsotlhe, Bagwebisani kgotsa therasete
Setlamo - baokamedi botlhe, go tseneletsa le molaodi mookamedi le mookamedi wa matlotlo.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
SARS tsentse mo tirisong boemo jwa tirelo jo bo tla simololang mo dinyageng di le pedi . Fa o ikwadisa kgotsa o duela, SARS e ikaelela go tsamaisa ikwadiso ya gago ka nepagalo mo malatsing a 21 a go dira.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
