Kopo ya Boikwadiso jaaka Moromelateng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tirelo e e neelana ka tshedimosetso ka fa go ikwadisiwang jaaka moromelateng le Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho.
Foromokopo e tshwanetse go tladiwa ke mokopi e seng motho wa boraro.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tsweetswee, leba kaelo ya kopo go go thusa mo tswamaisong ya go go neela laesense.
Karolo A ya Mefuta ya Modirelwa leba ka mo Lebokosong la tshekatsheko la Moromelateng, ka fa tlase ga boikwadiso.
Mo karolong ya ditlankana tsa Moromelateng, go totobatswe:
leina la kgwebo ya gago leina la mmila wa lebenkele la phokoletso le nomoro leina la lebato le nomoro ya kago fao kgwebo e e diragadiwang teng lefelo la bodirelo le kgwebo e fitlhelwang mo go lona teropo e kgwebo e fitlhelwang mo go yona
Khoutu ya mmila wa bodirelo mo kgwebo e fitlhelwang mo go ona
Ke mang o tsayang maikarabelo a go bopa le go romela ditokomane go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho a o tla bopa kana wa romela ditokomane kgotsa moemedi o tla thapiwa go dira se bua gore o tla romela dithoto go Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka fa tlase ga tumalano ya AGOA.
Karolo ya Thata ya go dira kopo e tshwanetse go tladiwa ke motho yo o dirang kopo ya boikwadiso jaaka moromelateng kgotsa moromelateng wa AGOA.
Leina la mokopi kgotsa leina la boikwadiso, sekwadisiwa mme e seng leina la kgwebo, le tshwaetse go tlhagelela mo lephateng le.
Mo naletsaneng () e etlhagelelang, tlosa sengwe le sengwe fa go tlhokegang.
Mo karolong ya kano totobatsa tse di latelang:
ditlhakaina le sefane sa motho yo o dirang kopo ya go nna le laesense maemo motho yo o dirang kopo sekao. Mokaedi, Molaodi le Mong motho yo o dirang kopo o tshwanetse go saena foromokopo letlha le kopo e tshwanetseng go saenwa ka lona lefelo le kopo e tshwanetseng go saenwa teng.
Tlatsa foromo mme o e romele mo kantorong e e gaufi ya Madirelo a Aforika Borwa ya Makgetho le Ditirelo tsa Melelwane.
Pataganya kopo le ditokomane tse di netefaditsweng tse di latelang kgotsa dikhopi tsa tsona:
setefikeiti sa boikwadiso sa kgwebo jaaka se rebotswe ke Mokwadisi wa Ditlamo kgotsa Molaodi wa Kgotlatshekelo fa e le Therasete tshweetso/Kamego kgotsa thata nngwe e ka nnang teng lefapaha la Dikgwebo le Madirelo le a letlelela fa go tlhokega fomula e e dirisiwang fa o dira kopo ka fa tlase ga dintlhana tsa phokoletso 607.04.10, 607.04.10, 607.04.10 le 607.04.10
ditlankana tsa boitshupo fa o le moagi wa Aforika Borwa kgotsa ditlankana tsa phaseporoto fa o se moagi mo go:
motho ka mong bangkanna ba Kgwebo e e Kopetsweng le Therasete - Ditokololo tsotlhe/Bangkaena/Diateresete setlamo - Bakaedi botlhe, go tsenyeletsa le Molaodi Mokaedi le Mokaedi wa Matlotlo.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Ga go nako e e beilweng ya tirelo.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
