Kopo ya go fiwa tetla ya go reka dijalo tsa methalethale
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Pele o bua ka dire tsa methalethale tsa mefuta ya dijalo tse di goeleditsweng go ya ka molao wa Plant Improvement Act, 1976 tse di ka rekisiwang mo Aforika borwa, makala a mefuta e a tshwanetse go akarediwa mo lenaneng la methalethale .
Lefapha la Temothuo le tlhokomela lenane la mefuta e e botlhokwa ya dijalo tsa temothuo, merogo le maugo. Kgoeletso ya dijalo go ikaegilwe ka Molao le go akarediwa mo lenaneng la mefuta ya dijalo e dirwa fa go ka kopiwa. Ntlha ya botlhokwa ke botlhokwa ba mofuta wa sejalo mo ekonoming ya Aforika borwa.
Motho mongwe le mongwe kgotsa setheo sengwe le sengwe se ka dira kopo ya go fiwa tetla ya go reka dijalo tsa methalethale. Go nna le mefuta e e farologaneng ya dijalo go naya motho sebaka sa go tsena mo lenaneng fa e kgotsofatsa ditlhokego tsa DUS le fa methalethale ya dijalo e na le makala a a amogelesegang.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Romela dilo tse di latelang kwa go Mokwadise go Tokafatsa Dijalo :
foromo ya kopo e e tladitsweng lenanepotso la setegeniki lekwalokopo le le beilweng le dituelo tsa tlhatlhobo sata ya sere se se gasagasiwang lekwalo la thebolo go tswa kwa go mong, fa o sa ijalela sona, se se tlhophilweng kgotsa se se godisitsweng mo go tsa methalethale.
O tshwanetse go supa mo lenanepotsong la setegeniki gore o batla sejalo se tshwantshangwe le sejalo sefe se se itsiweng mo Aforika borwa, sejalo se sentshwa se tshwantshanngwe gore go tle go bonwe dipharologano.
Go na le matlha a a beilweng a mo go ona ditokomane le sere se se gasagaswang di tshwanetseng go isiwa kwa go Mokwadise. Matlha a, e leng a sere se se gasagaswang se se tshwanetseng go isiwa kwa go Mokwadise, le kwa se tshwanetseng go isiwa gona, di ka bonwa go tswa go Mokwadise fa di ka kopiwa.
Fa go batlega tshireletso go ya ka ditshwanelo tsa molemi wa dimela, bakopi ba eletswa go tlisa makwalokopo segongwe go boloka madi le nako.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Tiro e ka tsaya setlha sotlhe sa temo.
Godimo
Tlhotlhwa
Madi a kopo malebana le tetla ya dijalo tsa methalethale: R790
Tuelo ya tlhatlhobo ya tetla ya dijalo tsa methalethale:
khatekori B : R1 100
khatekori C : R1 900
Kopo ya go fetola kgotsa go tlaleletsa makala a dijalo tsa methalethale a a setseng a akareditswe mo lenaneng la dijalo tsa methalethale: R1 500
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
