﻿

Kopo ya tumelelo ya leruri ya kgwebo – e leng ya mong

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tumelelo ya kgwebo ke tumelelo e e neelwang moditšhaba yo o ikaelang go beeletsa kgwebo mo Aforika Borwa kgotsa yo o setseng a na le tumelelo ya go dira kgwebo mo nageng kgotsa yo o ikaeletseng go beeletsa mo kgwebong e setseng e le teng mo nageng.

Dikopo di ka romelwa go kantoro efe kapa efe ya Merero ya Selegae kgotsa Embasi/botseta ba Aforika Borwa kgotsa Boromiwang fa o dira kopo kwa moseja wa mawatle.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa diforomokopo B1-947 le B1-29.
Ramatlotlo yo o go emetseng o tshwanetse go romela setefikeiti se se tlhalosang kabelo ya tšhelete ya boleng jwa kgwebo e beeleditsweng . Kabelo e e tlhaloswang ya madi a a lekanang le dimilione di le R2,5 mme e ka oketswa kgotsa fokodiwa fa e le mo kgatlhegong ya bosetšhaba kgotsa fa e kopilwe ke Lefapha la Kgwebo le Madirelo
Fa fela seemo sa bonno se bonwe, o tla tshanelwa ke go ntšhafatsa setefikeiti se se netefaditsweng ke ramatlotlo dingwaga tse pedi morago ga letlha la thebolo ya tumelelo ya bonno ya leruri le gape mo dingwgeng tse tharo morago ga foo. Go retelelwa ke go ikamanya le maemo a, go tla tlhola gore tumelelo ya bonno ya leruri e felelwe ke tiriso.

Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002 , as amended 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ga go na sepe.

Godimo

Tlhotlhwa

R1 520

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for permanent residence permit , BI-947 
Power of attorney in respect of an application/extension of  immigration permit or temporary residence, BI-29 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


