﻿
Kopo ya tumelelo ya bonno ba leruri - ya bokgoni jo bo feteletseng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tirelo e ke ya motho yo o nang le bokgoni kgotsa makwalothuto a a feteletseng. Dikopo di ka romelwa go kantoro efe kapa efe ya Merero ya Selegae kgotsa Embasi/botseta ba Aforika Borwa kgotsa Boromiwa fa o dira kopo kwa moseja wa mawatle. Tsholofetso ya go neelwa tiro mo nageng ga e tlhokege.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa dikopoforomo BI-947 le BI-29. Go bontsha gore o na le bokgoni kgotsa makwalothuto a a feteletseng go Lefapha, o kopiwa go romela lekwalo go tswa go puso ya boditšhaba kgotsa puso ya Aforika Borwa kgotsa setheo sa thuto, mokgatlho wa setso kgotsa wa kgwebo o o itsegeng  wa Aforika Borwa, se tiisa  bokgoni kgotsa makwalothuto a a feteletseng.
Romela boipolelo  le bosupi bofe kapa bofe ka bokgoni kgotsa makwalothuto a a feteletseng.
Go go kgontsha go matlafatsa kopo, o ka romela makwalotshupo  go tswa go bathapi ba pele.

Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002 , as amended 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ga go paka e e tsepameng e e tlhalosang nako ya tirelo.

Godimo

Tlhotlhwa

R1 520

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for permanent residence permit 

Power of attorney in respect of an application/extension of  immigration permit or temporary residence 


Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


