﻿

Kopo ya tlamelo



Tlhaloso

Tlamelo ke patelesego ya go tlhokomela motho yo mongwe sekao, jaaka ngwana yo monnye, ka go mo neela ntlo, dijo, diaparo, thuto le tlhokomelo ya kalafo, kgotsa ka fa o ka kgonang ka teng go tlhokomela motho yo ka dilo tse di botlhokwa tse di tlhokegang. Tiro e ya molao ya go tlamela e bidiwa 'tiro ya go tlamela' kgotsa 'tiro ya go tshegetsa'



Ke mang yo o tshwanetseng go tlamelo mongwe?



Tiro ya go tlamela e ikaegile ka botsalano jwa madi, motsadi-ka-tlhokomelo , kgotsa ka ntlha ya gore batho ba ba bedi ba nyalane.



Ngwana o tshwanetse go tshegetswa le go tlamelwa ke

batsadi ba gagwe, ba nyetse kgotsa ba dula mmogo, ba kgaogane kgotsa ba tlhalane, go akarediwa batsadi ba e leng ba-tlhokomelo ya ngwana  le/kgotsa
nkoko le rremogolo, le fa e le gore batsadi ba ne ba sa nyalana. Le fa go ntse jalo, se, se tla farologana go ya ka kgetse ka kgetse.



Tiro ya go tshegetsa leloko la lelapa ga e lekanyetswe go tlamela ngwana fela. Leloko la lelapa, go sa lebelelwa dinyaga tsa gagwe, a ka nna a kopa leloko lengwe le lengwe la lelapa go mo tshegetsa kgotsa go mo tlamela, fa e le gore maemo a mabedi a a latelang a a kgotsofadiwa:

Leloko la lelapa le le kopang tshegetso ga le kgone go itlamela..
Leloko la lelapa le le kopiwang go tlamela mongwe, le kgona go neela tlamelo e e kopiwang.
Go ka kopiwa tuelo ya ditshenyegelo dife?

O ka kopa tshegetso e e dumelesegang e e tlhokegang ya go tlhokomela ngwana kgotsa motho yo o tshwanetseng go bona tlamelo e e nang le botshelo le kgodiso e e siameng. Se se akaretsa go tlhokomela ka dilo tse di botlhokwa jaaka dijo, diaparo le ntlo, mmogo le go duelela thuto e e siameng. Kgotlatshekelo e ka nna ya laela rre gore a duele tlamelo ya ditshenyegelo tsa go simolola ka letlha le ngwana a tshotsweng ka lona  go fitlha ka letlha le taelo ya go tlamela e neetsweng ka lona. Kgotlatshekelo e ka nna gape ya neela taelo ya go duelela ditshenyegelo tsa kalafo, kgotsa e ka laela gore ngwana a kwadisiwe mo sekemeng sa kalafo sa mongwe wa batsadi jaaka moikaegi-ka-ena. Go kgontsha gore kgotlatshekelo e neele taelo ya tlamelo e e dumelesegang, batsadi/makoko a mabedi a, a tshwanetse go neela kgotlatshekelo bopaki jwa ditshenyegelo tsa bona.



Pono ya gago ya maitsholo a motsadi yo mongwe, ga e na tlhotlheletso epe mo ditshiamelong tsa ngwana wa gago gore a bone tlamelo. O tshwanetse gore o duele tlamelo, le fa e le gore motsadi yo mongwe

o nyala/nyalwa gape,
o na le mokapelo yo mongwe;
ga a go letlelele go bona ngwana; kgotsa
le fa batsadi ka bobedi ba nna le bana ba bangwe gape mo isagweng.

Tiro ya gago ya go duelela tlamelo le ya go kgona go bona bana, ke dilo di le pedi tse di farologaneng mme e nngwe ga e tsalane ka gope le e nngwe. Go feta foo, bana ba bobedi joo, ga ba tlhotlheletse tiro ya go tshegetsa. Le fa go ntse jalo, palo ya madi a tlamelo e ka nna ya tokafadiwa ke kgotlatshekelo fa e le gore batsadi ka bobedi, ba ka tsenya kopo e e ntseng jalo.



Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Bosiami le Tlhabololo ya Molaotlhomo. 




Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Dira kopo ya tlamelo kwa kgotlatshekelong ya mmagiseterata wa kgaolo e o dulang kwa go yona.
Fa o belaela, kgotlatshekelo ya selegae e tla go bolelela gore o ye go dira kopo ya tlamelo kwa kgotlatshekelong efe.
E ya kwa kgotlatshekelong e e maleba mme o tlatse o be o ise Foromo ya A: Kopo ya taelo ya go duelwa tlamelo ..
Mo godimo ga foromo e e tladitsweng, tsenya bopaki jwa letseno la gago la kgwedi le ditshenyegelo, jaaka diresiti tsa dijo tse di rekilweng, dituelo tsa motlakase le/kgotsa dituelo tsa rente.
Kgotlatshekelo e tla baya letlha le ka lona wena le moikarabedi  le tla yang kgotlatshekelo ka lona.
Motlhankedi wa tlamelo le mmatlisisi ba tla batlisisa kopotuelo ya gago mme ba leba mabaka a gago.
Kgotlatshekelo e tla ntsha tagafara  e e yang kwa go moikarabedi  go tla go tlhagelela kwa kgotlatshekelo ka letlha le le rileng go tla go buisana ka molato o.
Moikarabedi ka jalo, o na le tlhopho ya go duela tlamelo jaaka go kopiwa/a latofadiwa kgotsa a ka ganana le molato o kwa kgotlatshekelo.
Fa moikarabedi a dumela go duela tlamelo jaaka go kopiwa, mmagiseterata o tla sekaseka sešwa ditokomane tse di maleba. O tla dira taelo, mme a ka nna a dira jalo kwa ntle ga go kopa ditlhopha tse pedi tse go tlhagelela kwa kgotlatshekelo.
Fa motho yo o tshwanetseng go duela tlamelo a sa rekegele taelo ya go duela tlamelo, motho yoo o tla tshwanela ke go tlhagelela kwa kgotlatshekelo, mo bopaki jo bo tswang mo ditlhopheng tse pedi tse, le dipaki tsa bona, bo tla reediwang teng.
Fa kgotlatshekelo e ka fitlhela e le gore motho yo ka tota o tshwanetse go duela tlamelo, e tla ntsha taelo ya tuelo ya madi a a tshwanetseng go duelwa. Kgotlatshekelo gape e tla bona gore tuelo ya tlamelo e, e tla duelwa leng le gona jang.
Kgotlatshekelo e ka nna ya laela gore madi a tlamelo a duelwe ka nngwe ya ditsela tse di latelang:
Kwa dikantorong tsa mmagiseterata wa selegae kgotsa mo kantorong nngwe le nngwe ya puso e e tlhaoletsweng tiro.
Ka mo akhaontong ya banka e e tlhaoletsweng ke motho yo o amegang.
E neelwe motho yo o tshwanetseng go amogela madi ao ka tlhamalalo.
Ka tsela ya taelo e e laelang mothapi wa motho yo o tshwanetseng go duela tlamelo ka go goga madi a tuelo ya tlamelo ka tlhamalalo go tswa mo lotsenong lwa mothapiwa, go ya ka Molao wa Tlamelo wa 1998 o montšhwa. 

Molao o o dirisiwang

Maintenance Act, 1998  and related Regulations 

Boemo jwa tirelo

O tla tshwarwa ka go lekana, ka botho le ka tlotlo.
Dingongorego di tla tlhokomelwa ka bonako jo bo kgonagalang le ka nononfo.
Ga go na nako e e beilweng ya tirelo e. Tsamaiso yotlhe go simolola ka nako e o tsenyang kopo go ya nako e o amogelang tuelo ya ntlha ya tlamelo, go ka tsaya dibeke di le mmalwanyana, go ikaegile ka tirisanommogo ya batho ba ba babedi ba ba amegang.
Dipaki tse di neng di le teng mo ditsamaisong/dipuisanong, go akarediwa le motho yo o kopang tlamelo, ba tshwanelwa ke go amogela ketleetsonyana ya madi le a go palama. Le fa go ntse jalo, kgotlatshekelo e tla ikakanyetsa pele gore e bona go tshwanela gore motho yo go kopiwang tlamelo mo go ena, a ka fiwa ketleetso eo..
Motho yo o kopang tuelo ya tlamelo, ke ena a tshwanetseng go dira kopa ya tuelo ya dipaki kwa go motlhankedi wa tlamelo.

Tlhotlhawa

Tirelo e ga e duelelwe.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Form A: Application for Maintenance Order
Form B: Substitution or Discharge of existing Maintenance Order
Form C1: Subpoena in terms of Section  of the Maintenance Act, 1998 (Act No. 99 of 1998
Form C2: Subpoena in terms of Section  of the Maintenance Act, 1998
Form D: Notification to admit Statements by Witnesses
Form E: Maintenance Order in terms of section 16 of the Maintenance Act, 1998
Form F: Notice to make Maintenance Payments on behalf of person against whom Maintenance Order was made
Form G: Consent and Maintenance Order in terms of section 17 read with Section 16 of the Maintenance Act, 1998
Form H: Order by Default and Notice in terms of Section 18 read with Section 16 of the Maintenance Act, 1998
Form I: Application for Variation/Setting Aside of an Order by Default in terms of Section 19  of the Maintenance Act, 1998
Form J: Notice in terms of Section 19 of the Maintenance Act, 1998
Form K: Application for Enforcement of Maintenance or other Order in terms of Section 26 of the Maintenance Act, 1998
Form L: Warrant of execution against Property in terms of Section 27 of the Maintenance Act, 1998
Form M: Application for Setting Aside of a warrant of Execution in terms of section 27 of the Maintenance Act, 1998
Form N: Application for Suspension, Amendment or Rescission of an Order for the attachment of Emoluments in terms of Section 28 of the Maintenance Act, 1998
Form O: Notices to and by Employer in terms of Section 29 of the Maintenance Act, 1998
Form P: Application for Suspension, Amendment or Rescission of an Order for the attachment of Debts in terms of Section 30 of the Maintenance Act, 1998
Form Q: Complaint of Failure to Comply with a Maintenance Order for purposes of Section 31 of the Maintenance Act, 1998



Mafelo a bodirelo, diaterese le megala




