Kopo ya go gololwa go duela lekgetho la lotseno
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tsholo e e itlhophileng e tla fiwa mekgatlho e e sa boneng lotseno lo lo tlhomilweng go thusa setšhaba ka kakaretso. Le fa go le jalo, tsholo e e itlhophileng e tla nna teng go mekgatlho e e ikamanyang le tshiamelo ya Molao wa Mekgatlho e e sa Boneng Lotseno wa 1997 le molao o o tsamaisanang le ona.
Mekgatlho e e eletsang go dira kopo ya go gololwa mo go dueleng lekgetho e tshwanela gobo e wela mo maphateng a a latelang:
Setlamo se se tsenyeletswang mo go Karolo ya Molao wa Ditlamo wa Karolo 21 wa 1973. Karolo 21 e na le memorantamo le athikele tsa mekgatlho jaaka e theilwe ka tokomane mme e ikwadisitse le Moikwadisi wa Ditlamo.
Therasete e e nang le tokomane e e nang le go theiwa ka dikano tsa therasete e e ikwadisitsweng le Molaodi wa Kgotlatshekelokgolo.
Mokgatlho wa batho. Mokgatlho o o ithaopang o o busang ke molaotheo.
Fa tokomane ya go thewa e sa ikamanya le ditshiamelo tsa Karolo 30 ya Molao wa Mekgatlho e e sa Boneng Lotseno wa 1997, kopo e tshwanetse e pataganngwe ke maikemisetso a a kwadilweng a a saennweng ke mokopi. Fa o sa gololwa mo go dueleng lekgetho go tla tswelela go diragala go fitlha mo nakong eo mokopi a ka itsisiweng ke Madirelo a Makgetho a Aforika Borwa ka tshwetso e e tserweng go ya ka molao o montšhwa.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Mekgatlho e e sa gololwang semmuso mo go dueleng lekgetho la lotseno jaanong e ka romela diforomokopo tse di tladitsweng le ditokomane tse di tshwanetseng, mmogo le maikaelelo a a kwadilweng, fa motho yo a mo emetseng go dumela gore o tla ikamanya le tshiamelo ya Karolo 30 ya ya Molao wa Mekgatlho e e sa Boneng Lotseno wa 1997.
Ditokomane tse di latelang di tshwanetse go pataganngwa le kopo e e tshegetsang:
setlamo: Pataganya dikhopi tsa Memorantamo le Diathekele Lekgotla la therasete : Pataganya khopi ya therasete ya kano le nngwe ya tse di latelang tsa dikano tse di fetotsweng.
lekgotla la batho: Pataganya khopi ya molaotheo wa sešweng.
Mekgatlho e e tlhomilweng le maikemisetso a magolo a go neelana ka ditshegetso tsa go ithuta, dibasari le dikabelo tsa thuto, dipatlisiso le go ruta, di tshwanela go tlaleletsa ditokomane tse di tshegetsang tse di fa godimo le tsona di tladiwe ka El 3 Maikemisetso a Kwadilweng.
Dikolo tsa semmuso le tsa poraefete, ditheo tsa thuto tse di kgolwane, ditheo tsa katiso le thuto ya batho ba bagolo, le ditheo tsa thuto le katiso, gape le ditheo tsa thuto ya katiso le thuto ya bagolo e tshwanetse go pataganya khopi ya setefikeiti sa boikwadiso se se ntshitsweng ke Bothati jwa Thuto.
Foromo e e tladitsweng le ditokomane tse di matshwanedi di tshwanetse go busediwa morago go:
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Dikopo tsotlhe tse di sa amogelwang ke Yuniti ya go golola mo tuelong ya legetho, e ikaegile ka tshedimosetso e e matshwanedi le ditokomane tse di tshegetsang, e tla ntsha ka khomputara - ditshwetso le kitsiso mo dibekeng di le nne go tloga ka letlha la thomelo.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Maikaelelo a a Kwadilweng
Maikaelelo a a Kwadilweng - Ditshegetso tsa go ithuta le dibasari
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
