Kopo ya thebolo ya go latlhegelwa ke boagi
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Thebolo e, e kgontsha baagi ba Aforika Borwa go nna baagi ba naga e nngwe kwa ntle ga go latlhegelwa ke boagi ba bona ba Aforika Borwa. Dikopo di ka dirwa kwa dikantorong dife kapa dife tsa Merero ya Selegae. Dira kopo kwa Emabasing/botseteng kgotsa Boromiweng fa o le kwa moseja wa mawatle.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Badiradikopo ba ba ikaelelang go bona boagi ba naga e nngwe kwa ntle ga go latlhegelwa ke boagi ba bona ba Aforika Borwa ba tshwanetse go latela tsamaiso e:
Tlhagisa khopi e e netefaditsweng ya setefikeiti sa lokwalo la boitshupo/pasa ya gago ya Aforika Borwa kgotsa phaseporoto.
Tlhagisa khopi e e netefaditsweng ya setefikeiti sa lokwalo la matsalo la Aforika Borwa le pego e o e ikanetsweng e tlhalosa gore ga go boagi bope bo o bo tsereng. Dikhopi tsotlhe tsa ditokomane le pego e e ikanetsweng e tshwanetse go netefadiwa ke Moikanisi kgotsa Notary Public.
Baagi ba Aforika Borwa ba ba latlhegetsweng ke boagi ba Aforika Borwa morago ga go iponela boagi ba naga e nngwe fa ba ne ba se babotlana mme ba sa dira kopo ya go nna ba tshotse boagi, pele ba nna baagi ba dinaga tse dingwe, ba ka dira kopo ya thebolo.
Badiradikopo ba tshwanetse go latela tsamaiso e:
khopi ya setefikeiti se se netefaditsweng sa boagi ba boditšhaba.
Romela khopi ya setefikeiti se se netefaditsweng sa lokwalo la boitshupo/pasa ya Aforika Borwa kgotsa phaseporoto kgotsa setefikeiti sa lokwalo la matsalo la Aforika Borwa.
Dikhopi tsotlhe tsa ditokomane le pego e e ikanetsweng e tshwanetse go netefadiwa ke Moikanisi kgotsa Notary Public.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Tirelo e tsaya malatsi a le matlhano a tiro.
Godimo
Tlhotlhwa
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
