﻿

Kopo ya Visa

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Visa ke tiisetso e e gokeletsweng mo phaseporotong ya semolao ya moditšhaba, e neela moditšhaba yoo, tumelelo ya go tsena mo Aforika Borwa.

Visa e tshwaneste go:

bonwa pele mokopi a tloga kwa nageng ya gaabo a tla mo Aforika Borwa
bonwa kwa moseja mme e ka se kopiwe kwa botseno jwa boemakepe jwa Aforika Borwa
kopiwa kwa embasing ya selegae ya Aforika Borwa kgotsa kwa boromiweng mo dinageng tse Aforika Borwa e emetsweng
kopiwa kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa boromiweng jo bo fa gaufi fa Aforika Borwa e sa emelwa kwa nageng ya gago. Seno se tlhokega le mo batshwaring ba diphaseporoto tsa boi dipolomate le batlhankedi ba ba tlhokang diphemiti tsa bodipolomata.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

tlatsa Foromokopo ya Visa ya BI-84
phaseporoto ya gago e tshwanetse go nna mo molaong morago ga malatsi a le 30 fa e sena go felelwa ke tetla ya nako ya go eta
phaseporoto ya gago e tshwanetse go nna le tsebe e le nngwe e e sa dirisiwang fa e esiwa go tiisetswa ka setempe
tefo e e beilweng e tshwanetse go duelwa, fa go tlhokagala
setifikeiti sa go entiwa se tshwanetse go neelwa, fa go tlhokagala
neela pegelo kgotsa ditokomane tse di netefatsang maikaelelo le nako ya go eta
ntsha bosupi jwa madi a a lekaneng a go itshedisa
ntsha bosupi jwa thekethe e e mo molaong ya go boela morago
peeletso e ka nna ya kopiwa.

Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002 , as amended 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tirelo e e tsaya malatsi a le 10.

Godimo

Tlhotlhwa

R 425

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for a visa, BI-84 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


