Kopo ya phemiti ya mokopi wa botshabelo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Kopo ya botshabelo e dirwa ke mokopi gore a tle a amogelwe jaaka motshabi mo nageng.
Mokopi wa botshabelo ke motho yo o tshabileng kwa nageng ya gaabo a tshaba go bogisiwa mme mokopi o a bo a kopa go amogelwa jaaka motshabi- mo lebakeng le mo Aforika borwa. Mokopi o tla tsewa e le mokopa botshabelo fa kopo ya gagwe e ntse e sekwasekwa.
Mokopi wa botshabelo o tla newa phemiti e e sa ntšhwafadiweng kwa lefelo-bogorogelong la Aforika borwa Phemiti e tsaya malatsi a le 14 mme e naya mong wa phemiti sebaka sa go ipega ka Ofising ya Kamogelo ya Batshabi gore a kgone go dira kopo ya botshabelo.
Motshabi ke motho yo o setseng a abetswe maemo a botshabi le tshireletso go ya ka Molao wa Batshabi
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Mmatla botshabelo o tshwanetse go tlisa kopo ka sebele kwa lefelo le le tshwailweng RRO, kwa dilo tse di latelang di tla dirwang:
mokopi o tla sekasekwa mokopi o tla gatisiwa menwana go tla batlwa moranodi .
Puisano ya ntlha e tla tsamaisiwa ke RRO mme mmatla botshabelo o tla tlatsa foromo BI-1590.
Phemiti ya mmatla botshabelo e tla gatisiwa, ya saeniwa, ya tempiwa mme ya neelwa mmatla botshabelo.
Phemiti e e tsayang malatsi a le 30, e tla letla mmatla botshabelo go nna mo Aforika borwa nakwana. Phemiti e ka katoloswa ka malatsi a le 30 gape mme morago e ka katoloswa ka dikgwedi di le tharo.
Pele phemiti ya gagwe e khutla, mmatla botshabelo o tshwanetse go ipega kwa RRO go dira puisano ya bobedi, e e tla tsamaisiwang ke Motlhankedi wa Tlhomamiso ya Maemo a Batshabi .
Tlhomamiso ya Maemo a Batshabi e tla tswela pele go tlhatlhoba kopo mme e tla tsaya tshwetso malebana le kopo ya botshabelo.
Fa mokopi a ka newa botshabelo, Motshabi o tshwanetse go dira kopo ya karata ya boitshupo ya batshabi kwa RRO nngwe le nngwe mo malatsing a le 15.
Morago a gore a fiwe karata, motshabi a ka nne a dira kopo ya Lekwalo la Mosepele la Ditumalaono tsa Dinaga tse di Kopaneng kwa RRO nngwe le nngwe.
Maemo a botshabi a tsaya dingwaga di le pedi, fela motshabi a ka kwala lekwalo le le kopang gore maemo a gagwe a sekasekwe kgotsa nako ya gagwe e okediwe dikgwedi di le tharo pele lekwalo la botshabi le ya bokhutlong.
Godimo
Molao o dirisiwang
Protocol e e mabapi le maemo a batshabi
Godimo
Boemo jwa tirelo
Dikopo di ka tsaya dikgwedi di le thataro.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Application for asylum, BI-1590 Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
