﻿

Kopo ya phemiti ya mokopi wa botshabelo






Tlhaloso 



Kopo ya botshabelo e dirwa ke mokopi gore a tle a amogelwe jaaka motshabi mo nageng.



Mokopi wa botshabelo ke motho yo o tshabileng kwa nageng ya gaabo a tshaba go bogisiwa  mme mokopi o a bo a kopa go amogelwa jaaka motshabi- mo lebakeng le mo Aforika borwa. Mokopi o tla tsewa e le mokopa botshabelo fa kopo ya gagwe e ntse e sekwasekwa.



Mokopi wa botshabelo o tla newa phemiti e e sa ntšhwafadiweng kwa lefelo-bogorogelong la Aforika borwa  Phemiti e tsaya malatsi a le 14 mme e naya mong wa phemiti sebaka sa go ipega ka Ofising ya Kamogelo ya Batshabi gore a kgone go dira kopo ya botshabelo.



Motshabi ke motho yo o setseng a abetswe maemo a botshabi le tshireletso go ya ka Molao wa Batshabi Refugee Act, 1998



Fa o batla tshedimosetso, e nngwe gape, e ya go Lefapha la Merero ya Selegae.





Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa 



Mmatla botshabelo o tshwanetse go tlisa kopo ka sebele kwa lefelo le le tshwailweng RRO, kwa dilo tse di latelang di tla dirwang:
Mokopi o tla sekasekwa
Mokopi o tla gatisiwa menwana
Go tla batlwa moranodi 

Puisano ya ntlha e tla tsamaisiwa ke RRO mme mmatla botshabelo o tla tlatsa foromo BI-1590.
Phemiti ya mmatla botshabelo e tla gatisiwa, ya saeniwa, ya tempiwa mme ya neelwa mmatla botshabelo.
Phemiti e e tsayang malatsi a le 30, e tla letla mmatla botshabelo go nna mo Aforika borwa nakwana. Phemiti e ka katoloswa ka malatsi a le 30 gape mme morago e ka katoloswa ka dikgwedi di le tharo.
Pele phemiti ya gagwe e khutla, mmatla botshabelo o tshwanetse go ipega kwa RRO go dira puisano ya bobedi, e e tla tsamaisiwang ke Motlhankedi wa Tlhomamiso ya Maemo a Batshabi Refugee Status Determination Officer .
Tlhomamiso ya Maemo a Batshabi  e tla tswela pele go tlhatlhoba kopo mme e tla tsaya tshwetso malebana le kopo ya botshabelo.
Fa mokopi a ka newa botshabelo,  Motshabi o tshwanetse go dira kopo ya karata ya boitshupo ya batshabi kwa RRO nngwe le nngwe mo malatsing a le 15.
Morago a gore a fiwe karata, motshabi a ka nne a dira kopo ya Lekwalo la Mosepele la Ditumalaono tsa Dinaga tse di Kopaneng United Nations Convention Travel Document  kwa RRO nngwe le nngwe.
Maemo a botshabi a tsaya dingwaga di le pedi, fela motshabi a ka kwala lekwalo le le kopang gore maemo a gagwe a sekasekwe kgotsa nako ya gagwe e okediwe dikgwedi di le tharo pele lekwalo la botshabi le ya bokhutlong.



Melao e e tshwanetseng go latelwa 



Molao wa Botshabi Refugee Act, 1998 
1951 UN Convention e e mabapi le Maemo a Batshabirelating
1969 OAU Convention e e tsamaisang Mefama e e rileng ya Mathata a Batshabi mo Aforika
1967 Protocol e e mabapi le maemo a batshabi
1993 Tumalano ya Motheo magareng ga Aforika borwa le UNHCR
Molao wa Khudugelo The Immigration Act, 2002  jaaka e tlhabolotswe



Boemo jwa Tirelo 



Dikopo di ka tsaya dikgwedi di le thataro.



Tlhotlhwa 



Tirelo e ga e duelelwe.



Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa 



Kopo ya Botshabelo, BI-1590


Bodirelo, diaterese le megala    

