
Kopo ya tumelelo ya lenane la kananyo ya baithuti
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tumelelo ya lenane la kananyo ya baithuti ke tumelelo e e abelwang baithuti ba batswantle ba ba tshwanetseng go tsaya karolo mo porojekeng kgotsa lenane le le rileng mo setheong sa thuto se segolwane mo Aforika borwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Dira kopo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa.
Romela lekwalo le le tswang kwa Lefapheng la Thuto kgotsa le le tswang setheong se segolwane sa thuto mo Aforika Borwa go:

le le tlhomamisang gore setheo se rwele maikarabelo a go rulaganya kgotsa go tsamaisa lenanethuto
le le tlhalosang ditiro lenanethuto le nako e e tlo tsewang
le le tlhomamisang gore setheo sa thuto se tla rwala maikarabelo a moithuti fa a sa ntse a ithuta mo Repaboliking le gore moithuti o amogetswe go tsenela dithuto mo setheong sa thuto e bile o kwadisitswe.

Romela lekwalo le le tswang kwa setlamong sa naga ya kwantle go:

go tlhomamisa dintlha tsa moithuti, go akaretsa ikwadiso ya moithuti le setheo sa thuto kwa nageng ya kwantle
tlhomamisa letlha le lenanethuto le tlileng go simolola ka lona mo Aforika Borwa.


Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Dikopo di ka tsaya malatsi a le 30.

Godimo

Tlhotlhwa

R425

Godimo

Diforomo tse tladiwang



, B1-1738 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


