﻿

Kopo ya tumelelo ya bonno ba leruri – modiri

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tirelo e ke ya motho yo o kaiwang e le moditšhaba a ikaelela go dira kopo ya seemo sa leruri sa bonno ka fa tlase ga boemo jwa gore o kile a amogela tiro ya leruri mo Aforika Borwa. Kopo e tshwanetse go nna tekanong ya ngwaga e e tlhalositsweng nako le nako. Dikopo di ka dirwa kwa dikantorong tsa Merero ya Selegae mo porofenseng e o nnang mo go yona. O tshwanetse go bo o na le maemo a mokopatshireletso ya dingwaga di le tlhano gore o dire kopo.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa diforomokopo BI-947 le BI-29E.

Mothapi wa gago wa jaanong o tshwanetse go romela bosupi ba tse di latelang go Lefapha la Merero ya Selegae:


gore phatlhatiro e o e neetsweng e teng

gore phatlhatiro le tlhaloso ya tiro e e amiwang, e phasaladistwe ka mokgwa o o tlhaloswang

gore ga go moagi wa Aforika Borwa yo e mo tshwanelang kgotsa yo o ka tlatsang phatlhatiro eo.


 Lefapha la Ditiro le tshwanetse go netefatsa gore melawana le maemo a kabelo ya tiro e ka fa tlase ga e e leng teng mo mmarakeng o o matshwanedi wa dikarolo tsa baagi le badudi. Go direng jalo, Lefapha la Ditiro , le tlhoka go utlwisisa ditumalano tsa ditherisano tsa kwa tirong tse di leng teng le boemo jo bongwe jo bo leng teng.


Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002 , as amended 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ga go na sepe.


Godimo

Tlhotlhwa

R1 520

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for permanent residence permit, BI-947 
Power of attorney in respect of an application for a temporary or permanent residence permit, BI-29E 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


