﻿
Kopo ya phemiti ya bonno ba leruri ya badiradikopo ba ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le 21 mme e le bana ba baagi ba Aforika Borwa
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Karolwana e ke ya moditšhaba yo o leng dingwaga di le 21 mme e le ngwana wa moagi wa Aforika Borwa kgotsa moagi wa leruri. Tumelelo ya moagi wa leruri e ntshiwa tlase ga maemo a gore tiriso ya yona e tla fela morago ga dingwaga di le pedi go tswa letlheng la matsalo a gago a dingwaga di le 21, kwa ntle fela le fa kopo e tlhomamisa  maemo a bonno fa e dirwa.

Dikopo di ka romelwa go kantoro efe kapa efe ya Merero ya Selegae kgotsa Embasi/botseta ba Aforika Borwa kgotsa mmishineng fa o dira kopo kwa moseja wa mawatle.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa diforomokopo B1-947 le B1-29.
Batsadi ba kopiwa go romela boitshupo ba boagi kgotsa boemo ba bona ba boagi ba leruri mo Aforika Borwa ka mokgwa wa lokwaloboitshupo/pasa kgotsa tumelelo ya bonno ba leruri.
Go supa botlhatsi ba botsadi, romela setefikeiti sa botsalo sa ngwana.
Batsadi ba tshwanetse go romela boiteko ba tshegetso ya madi. .

Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tirelo e e tla tsaya malatsi a le 30

Godimo

Tlhotlhwa

R1500

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for permanent residence permit, BI-947
Power of attorney in respect of an application for a temporary or permanent residence permit, BI-29

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


