﻿

Kopo ya tumelelo ya bonno jwa nakwana- balekane ba lenyalo

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tirelo e ke ya baditšhaba ba ba nang le dikamano tsa leruri le moagi wa Aforika Borwa kgotsa moagi wa leruri wa Aforika Borwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa diforomokopo tsa B1-947 le B1-29.
Dikamano tsa leruri tsa balekane ba ba tshwanang ka bong le ba ba sa tshwaneng ka bong di a amogelwa, fela go na le gore balekane ba ba neelwe setefikeiti sa lenyalo, balekane ba mothale oo ba kopiwa go neelana ka mabaka a a kgodisang a boipiletso ba go nna botlhe mo legaeng le le lengwe mme gape gore go na le kgolagano le tshegetsano ya madi ka go romela maikano.
Gore Lefapaha la Merero ya Selegae e neye balekane ba bona ba boditšhaba tumelelo ya bonno ba leruri ba moagi wa Aforika Borwa kgotsa ya moagi wa leruri, go tshwanetse go kgotsofatse gore go nnile le tumalano mo balekaneng ba ba mo kamanong.
Tumelelo ya boagi ba leruri e neelwa ka maemo a gore e tla fela fa, mo pakeng ya dingwaga di le pedi go tloga motsing wa letlha la go neetsweng tumelelo, kamano ga e sa le teng, kwa ntle fela ga loso.
Ke fela molekane wa lenyalo wa moditšhaba yo o ka dirang kopo ya maemo a, fa a nyalwa/nyala ke moagi kotsa moagi wa leruri.
O tshwanetse o bo o nyetswe/nyetse ke moagi wa Aforika Borwa kgotsa o le moagi wa leruri go ya ka molawana wa selegae kgotsa boagi mo pakeng ya dingwaga di le tlhano.
Dikopo di ka dirwa mo kantorong ya Merero ya Selegae efe kapa efe kgotsa mo Embasing/botseteng ba Aforika Borwa kgotsa kwa Boromiweng fa o dira kopo go moseja ya mawatle

Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002 , as amended  jaaka o tokafaditswe)

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ga go paka e e tsepameng e e tlhalosang nako ya tirelo.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for permanent residence permit , BI-947 

Power of attorney in respect of an application/extension of  immigration permit or temporary residence, BI-29 


Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


