﻿

Kopo ya tumelelo ya tiro ya phetisetso ya ka fa gare ya setlamo

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Setheo sa ka fa gare sa tumelelo ya phetiso e ntshitswe go moditšhaba yo e fetedisitsweng ke setlamo go dira mo setlamong se ba nyalanang le sona mo Aforika Borwa. Tekanyetso e e sa feteng paka ya dingwaga di le pedi ya setlamo sa ka fa gare sa phetiso. Dikopo di ka romelwa go Embasi/botseta ba Aforika Borwa kgotsa Boromiwa fa o dira kopo kwa moseja wa mawatle.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromokopo BI-1738.
Ntsha lekwaloforomo la setlamo sa boditšhaba go tiisa gore o tla fetesiwa go lekala la mo Aforika Borwa kgotsa go tse di kgolaganeng go setlamo sa Aforika Borwa.
Ntsha lekwaloforomo la setlamo sa boditšhaba go tiisa gore o tla fetesiwa go lekala la mo Aforika Borwa go tswa go setlamo se se theileng setlamo sa moseja wa mawatle gape le go totobatsa tiro le gore o tla thapiwa go dira eng.
Kopa yo e tla nnang mothapiwa wa gago go tlatsa karolwana ya bo 13,  le  ya B1-1738.
Romela bopaki jo bo tswang go ramatlotlo yo o emetseng mothapiwa go tlhalosa tlhokego ya go go thapa le go tlhalosa tiro.
Romela bopaki jo bo tswang go ramatlotlo yo a reng a ka se thape ka fa tlase ga melawana le maemo a a kwa tlase a go dira le kopo ya baagi ba ba emetseng mothapiwa go tlhalosa tlhokego ya go thapa le go tlhalosa tiro le makwalothuto.
Bosupi jo bo pakang ikwadiso ya mokgatlo wa seporofešenale kgotsa boto .

Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tirelo e tsaya malatsi a a se feteng 30.

Godimo

Tlhotlhwa

R425

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for temporary residence permit, BI-1738 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


