﻿
Kopo ya tumelelo ya go dira ya bokgoni jo bo feteletseng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tumelelo ya go dira ya bokgoni jo bo feteletseng e neelwa motswantle yo o nang le bokgoni jo bo feteletseng kgotsa borutegi. E ka nna gape ya neelwa mongwe wa lelapa la motho yo, wa mmatota. Dikopo di ka diriwa kwa Embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa boromiweng.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya BI-1738.
Phaseporoto e tshwanetse ya bo e sa ntse e dira mo malatsing a a seng ka fa tlase ga 30 morago ga nako ya go eta e e ikaeletsweng e fetile.
Tsenya Boipolelo  jo bo tletseng le kwalotshupo e e tswang mo bathaping ba pele.
Bopaki jwa ditšhelete ka tsela ya dikanego tsa banka, ditlankana tsa lotseno, maikano ka monggae/bengae e leng mothapi wa gago mo Aforika Borwa, dibasari, dithuso tsa pholo, kgotsa o nne le madi a a tshwariwang ka letsogo, go akaretsa dikarata tsa keretiti kgotsa ditšheke tsa go eta, go kgona go akaretsa madi a go tshela ka nako ya go nna mo Aforika Borwa.
Setifikeiti sa moento, fa se tlhokega.
Tlhagisa lekwalo le le tswang kwa sethong sa dinaga sa naga ya kwa ntle kgotsa mo Aforika Borwa, kgotsa kwa setheong sa akatemi se se itsegeng sa Aforika Borwa, setlhopha sa setso kgotsa sa kgwebo, se se tla netefatsang bokgoni jwa gago jo bo feteletseng kgotsa borutegi.
Tlhagisa bopaki jo bongwe go tlaleletsa bokgoni jwa gago jo bo feteletseng kgotsa borutegi, jaaka dikgatiso le makwalotshupo .
Kopa motho yo e tlileng go nna mothapi wa gago go tlatsa karolo ya 13 , , and  ya foromo ya BI-1738.

Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tirelo e, e na le bogolo jwa nako e e ka nnang malatsi a 30.

Godimo

Tlhotlhwa

R1 520

Godimo

Diforomo tse tladiwang



BI-1738 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


