﻿
Kopo ya go fiwa tumelelo ya kalafi ya melemo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tumelelo ya kalafi ya melemo e abelwa batswantle ba ba batlang go fiwa kalafi ya melemo mo Aforika Borwa. Tumelelo ya kalafi ya melemo ya mothale o e ka dirisiwa dikgwedi di le thataro mo sebakeng se o e filweng. Dira kopo ya tumelelo ya kananyo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa e e gaufi le wena.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya kopo B1-1738.
Romela phaseporoto ya gago e e sa ntseng e na le malatsi a a fetang 30 pele tiriso ya yona e khutla o sa le mo leetong.
Romela bosupi jwa tšhelete e e tla tlhokomelang botlhe ba ba tsamayang le motshodi wa tumelelo ya kalafi  ka diseteitemente tsa banka, sesupo sa tuelo ya gago, fa se le teng kgotsa ditšheke tsa mosepele 
Romela lekwalo le le tswang kwa ngakeng ya gago kgotsa setheo sa kalafi le le tlhalosang mabaka kgotsa tlhokego ya kalafi, nako e e tla tsewang ke kalafi le dintlha tsa thulaganyo ya kalafi mo Aforika borwa.
Neela dintlha tsa motho kgotsa setheo se se tlileng go duela ditshenyegelo tsa kalafi le madi a bookelo ya motshodi wa tumelelo 
Romela bosupi jwa tšhelete kgotsa moduedi fa e le gore sekema sa thuso ya kalafi kgotsa mothapi ga ba kitla ba duelela ditshenyegelo tsa kalafi.
Romela nngwe ya ditokomane tse di latelang ga mmogo le lekwalokopo la gago la tumelelo:

setefikeiti se se feletseng sa kalafi
setefikeiti se se feletseng sa matsalo
setefikeiti se se feletseng sa lenyalo 
afidafiti B1-1712A fa o na le molekane mme le sa nyalana, le bosupi jwa gore le nna mmogo
konteraka ya tlamano, fa le nna mmogo
bosupi jwa lenyalo la setso, fa bo le teng
tshupetso ya katlholo ya tlhalano, fa go tlhokagala
bosupi jwa taelo ya kgotlatshekelo e e go nayang tetla ya tlhokomelo ya bana  fa go tlhokega
setefikeiti sa loso sa molekane yo o suleng fa go tlhokega
lekwalo la tumelelo go tswa mo batsading kgotsa go tswa mo batlhokomeding, mo go tlhokegang, ka bosupi jwa tetla ya tebelelo ya bana
bosupi jwa tlhokomelo ya bana jwa semolao fa go tlhokega
taelo ya kgaogano ya semolao, fa go tlhokega
setefikeiti sa kgololo sa sepodise fa mokopi a le dingwaga di le 21 kgotsa go feta, go akaretsa dinaga tsotlhe tse o ntseng mo go tsona ngwaga o le mongwe kampo go feta
setefikeiti sa moento, fa go tlhokega.


Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act,2000   jaaka o tokafaditswe.

Godimo

Boemo jwa tirelo

Dikopo di ka tsaya bontsi jwa malatsi a ka nna 30.

Godimo

Tlhotlhwa

R425

Godimo

Diforomo tse tladiwang



, BI-1738 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


