Kopo ya tetla ya go romela tlhapi ntle jaaka kgwebo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Kgwebo ka ditlhapi ke go diragatsa tiragalo e e amanang le ditlhapi jaaka go romela tlhapi ya mo metsing ntle ka mabaka a kananyo. Go romela tlhapi kwa dinageng disele kgotsa kwa ntle ga melelwane ya Rephaboliki ya Aforika Borwa, o tshwanetse go dira kopo ya tetla ya go romela ntle e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa yo o neetsweng thata eo. Ga go ope yo o tshwanetseng go romela tlhapi ntle fa a se na tetla. Fa tetla ya thomelontle e e leng e felelwa ke nako morago ga dikgwedi tse tharo, o tshwanetse go dira kopo ya e ntšhwa. Go palelwa ke go ikobela dipeelano tsa tetla go tlisa go beelwa thoko nakwana kgotsa go phimolwa.
NB: Tetla e ya thomelontle ga e akaretse tlhapi ya metsi a a phepa e e tsamaisiwang ke Lefapha la Temothuo . Dikopo tsa ditetla tsa thomelontle ya ditlhapi tsa metsi a a phepa tse di tshelang mo metsing a a bothito kgotsa a a tsididi di tshwanetse go dirwa kwa Lefapheng la Temothuo.
Tetla ya Thomelontle e e rebolelwang mefuta ya abalone e tshwanetse go tsamaya le setifikeiti sa CITES thomelo nngwe le nngwe.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Dira kopo ya tetla ya thomelontle.
Bona foromo ya kopo ya thomelontle le foromo ya kopo ya CITES go tswa kwa Kantorong ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo kgotsa kantoro ya lekala ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa o ka e ntsha mo go http://www.mcm-deat.gov.za.
Buisa foromo ya kopo ka kelotlhoko mme o netefatse gore o fitlhelela ditlhoko le dipeelano tsa kopo:
Tlamela ka tshedimosetso e e latelang:
aterese ya bonno ya bareki ba kwa nageng e o romelang kwa go yona maina a a tlwaelegileng le a saenthifiki a mefuta e e romelwang ntle palo ya mefuta e e romelwang ntle
Fa modirakopo wa tetla ya thomelontle e se motshodi wa tshwanelo ya go thaya ditlhapi, tlamela ka ditlankana tse di latelang:
bosupi jwa thebolo le diaterese tsa bonno tsa barebodi ba ditlhapi tsa lewatle tse di tla romelwang ntle maina a a tlwaelegileng le a saenthifiki a mefuta e e romelwang ntle palo ya mefuta e e romelwang ntle.
Romela dikhopi tse di kannweng tsa ditlankana tse di latelang:
lekwaloitshupo la gago le ditlankana tsa kwadiso ya setlamo, setlamo se se kopanetsweng kgotsa terasete ditetla tse di dirang tsa thomelontle go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Madirelo kgotsa dikitsiso tsa tetla setifikeiti sa Tshekatsheko ya Lekgetho jaaka se dumeletswe le go rebolwa ke Tirelo ya Matlole ya Aforika Borwa .
Itsise lekala le le gaufi nao la Biro ya Maemo ya Aforika Borwa ka ga themelontle ya gago fa e le gore tlhapi e o ratang go e romela ntle ga e foreše e bile e sa siamela go jewa ke batho. Fa tlhapi e le foreše mme e siametse go jewa ke batho itsise Lekala la Boitekanelo .
Madi a kopo a a tlhokegang ke R225 .
Tlatsa, saena mme o posetse foromo ya kopo ya thomelontle le ditlankana tse di tlhokegang go Kantoro ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo..
Dikopo tse e seng dikhopi di tshwanetse go posiwa, e seng jalo tetla ga e ne e rebolwa.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Tiragalo ya kopo e ka tsaya matsatsi a le 7 kgotsa go feta go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.
Godimo
Tlhotlhwa
Madi a kopo a bokana ka R225 a a tlhokega. Ditlhwatlhwa di sekasekwa kgotsa go tlhongwa ngwaga le ngwaga ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa bothati jo bo tlhophilweng, ka tirisano le Tona ya Matlotlo.
Dintlha tsa Banka tsa Tuelo ya Madi a Dikopo tsa Tetla ya Thomentle:
Nomoro ya Akhaonto. 62123256382
Nomoro ya Referense. Ikgolaganye le Tikwatikwe Tirelo ya Badirisi mo go 0861 123 626
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
