Kopo ya tumelelo ya go ikwadisa mo go Kereite R mo sekolong sa botlhe
Tlhaloso
Kereite R ke ngwaga wa ntlha wa letlhakore la motheo wa thutadipoelo mo dikolong tsa botlhe tsa poraemari. E diretswe bana ba dingwaga di le nne le seripa go ya go tlhano le seripa. Batsadi le batlhokomedi ba tshwanetse go kwadisa bana ba bona kwa sekolong pele ga letlha le le beilweng, le le leng magareng ga Phatwe le Diphalane, la ngwaga pele bana ba simolola sekolo.
Fa o batla tshedimosetso e engwe gape e ya
Lefapha la Thuto.
Dikgato tse tshwanetseng go latelwa
Kopa pele ga letlha le le beilweng ke dikolo le le leng magareng ga Phatwe le Diphalane.
Kwadisa mo sekolong se se gaufi le wena
Gorosa/tlisa setefikeiti sa matsalo le karata ya go entiwa/tlhabelwa malwetse.
Fa o se moagi wa mo Aforika Borwa, le gona o tshwanetse go tlisa:
Tumelelo ya go ithuta;
Foromo ya boagi ya lebakanyana kgotsa ya leruri go tswa go Lefapha la Merero ya Selegae; le
Netefatso ya gore o kopile tumelelo ya go nna mo Aforika Borwa.
Molao o o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Kopo ya gago e ka nna ya tsaya letsatsi le le lengwe go ya go dibeke di le thataro go diragadiwa.
Tlhotlhwa
Dituelo tsa sekolo di a farologana go tloga go sekolo sengwe go ya kwa go se sengwe.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Diforomo tsa kopo di teng mo dikolong.
Bodirelo, diaterese le megala
