Kopo ya go tsamaisa, go tlhatlhamololo , go kwalolola setlamo, khamphane kgotsa kgwebo e e kopetsweng
Tlhaloso
Fa setlamo, khamphane, kgwebo e e kopetsweng se sa kgone go duela melato kgotsa go tsweletsa kgwebo ya sona Mokaedi-Kakaretso wa Dikgwebo le Intaseteri a ka tsamaisa kgwebo kgotsa a e tlhatlhamolola .
Setlamo kgotsa Setlamo sa nakwana, leloko lengwe le lengwe la setlamo kgotsa motho mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego a ka dira kopo kwa kgotlatshekelo gore setlamo kgotsa setlamo sa nakwana tse tsamaisiwe ke Mokaedi-Kakaretso kgotsa se phatlhaladiwe. Kgotlatshekelo e e reetsang kopo e, e tshwanetse ya bo e le karolo ya Kgotlatshekelo-kgolo kgotsa Kgotlatshekelo ya Magiseterata e e nang le dithata tsa go tsamaisa toka mo lefelong le setlamo se fitlhelwang mo go lona kgotsa e direlang kwa go lona. Kgotlatshekelo e ka kgona go atlhola jalo fa e bona go le mo molemong wa botlhe fa mabaka a lebelelwa.
Fa kgotlatshekelo e ka laela gore Mokaedi-Kakaretso gore a tsamaise setlamo kgotsa setlamo sa porofense, ene o tla bo a na le thata go tsamaisa merero ya setlamo kgotsa setlamo sa porofense, go ya ka melawana ya Molao wa Dikhampane
Fa setlamo kgotsa setlamo sa nakwana se ka dira kopo ka lekwalo le le lebisiwang go Mokaedi-Kakaretso, ena a ka kwalolola setlamo kgotsa setlamo sa nakwana fa e le gore o kgotsofetse gore:
tshotswe tharabololo e e letlang gore setlamo se kwalololwe kwa kopanong e e neng e tsenetswe ke maloko a mantsi a setlamo kgotsa setlamo sa nakwana;
tharobololo e utlwanetswe ke maloko ka bontsi a a neng a tlile kopanong kgotsa a a neng a na le kemedi kwa kopanong; le merero yotlhe e go builweng ke yona e e maleba pele setlamo se kwalololwa, go akaretsa diasete le melato ya setlamo kgotsa setlamo sa nakwana tse di tla baakangwang.
Fa Kgotlatshekelo e laela go tlhatlhamolola setlamo kgotsa setlamo sa nakwana, e tla swetsa gore diasete tsa setlamo kgotsa setlamo sa nakwana di tla abiwang ka go lekana ka teng.Kgotlatshekelo e tla lebesisa dikatlenegiso dingwe le dingwe tse di dirilweng ke Mokaedi-Kakaretso tse di malebana le go abiwa ga diasete.
Fa Mokaedi-Kakaretso kgotsa setlamo kgotsa setlamo sa nakwana, leloko lengwe le lengwe la setlamo kgotsa mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego a ka dira kopo ya go nna mong wa setlamo kgotsa setlamo sa nakwana se se tsamaisiwang ke Mokaedi-Kakaretso kgotsa se se tlhatlhamololwang, Tona e ka baya thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa, e ka yona setlamo kgotsa setlamo sa nakwana se tla tsamaisiwa ke Mokaedi-kakaretso kgosa se tla tlhatlhamololwa. Tona e ka nne ya naya Mokaedi-kakaretso, Motlhankedi wa Ikwadiso, setlamo, maloko le batho ba ba nang le kgatlhego mo mabakeng a dithata le ditiro.
Mo mabakeng a fa e le khamphane kgotsa kgwebo e e kopetsweng , motho mongwe le mongwe, mokaedi kgotsa moruni wa khamphane, BaTirelo ya Matlotlo a Aforika Borwa kgotsa Mokwadise wa Dikhamphane a ka dira kopo ya go reka khamphane kgotsa CC e e kwalololwang.
Dikgato tse di latelwang
Go kwalolola khamphane, setlamo kgotsa CC
Khamphane, setlamo kgotsa CC e e kwadisitsweng e tshwanetse go kwala lekwalo la tlwaelo go dira kopo ya go ikwalolola.
Neela mabaka gore ke goreng khamphane kgotsa CC e dira kopo ya go ikwalolola.
Mo go kgonagalang, tlhagisa leina la khamphane kgotsa nomoro ya CC ya lekgetho .
Bakaedi le maloko a khamphane kgotsa CC ba tshwanetse go saena lekwalo fa ba kgona go itlhophela fa go ikwalolola bakaedi kgotsa .
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Go kwalolola khamphane go ka tsaya dikgwedi di le thataro.
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Diforomo tse di tladiwang
Ga go na diforomo tse di tladiwang.
Lefelo la bodirelo, megala le diaterese
