Kopo ya thebolo ya ditiro tsotlhe tse di amanang le ditshedinnye tsa bolosika tse di fetotsweng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Lefapha la Temothuo le tsamaisa Molao wa Ditshedinnye tsa bolosika tse di fetotsweng wa 1997. Ona o akaretsa kabo ya diphemiti, go newa tumelelo le disefikeiti tsa:
thekontle ya ditshedinnye tsa bolosika tse di fetotsweng go tla mo Aforika Borwa thekisontle ya di-GMOs go tswa mo Aforika Borwa tiriso ya di-GMOs tse di mo setshelong di le ka mo laboratoring, phaposi ya dimela kgotsa tshingwana tlhagiso e e baakanyeditsweng ya di-GMO go di tlwaetsa tikologo ya Aforika Borwa mo diteko di diragatswang mo teng tsweletso kgotsa go oketsa ditiro tse di neng di dumeletswe mo nakong e e fetileng go gololwa ga diphatlho tse di dumeletsweng go dirisiwa jaaka dijo,kotlo kgotsa tse di baakanyetswang di-GMO
go ntsha dijalo ka kakaretso le go di jala gore di tle di rekisiwe le go dirisetswa di-GMO
go kwadisa didiriswa tse di leng botlhokwa mo tirong ya di-GMO
maemo a di-GMO jaaka merwalo.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Netefatsa mofuta wa tumelelo e o e tlhokang mme o tlatse foromo e e maleba.
Elelwa ditlhokego tse di latelang mo ditirisong dingwe:
ditiragatso tsa kakaretso tsa kgololo di tshwanetse go latelwa ke go konosediwa ga ditiro mo tikologong ya mo Aforika Borwa mo sebakeng sa dingwaga di le tharo tsa go jala ditiragatso tse di tswelelang le tiro di tla amogelwa fela fa e le gore tiro ya mothale o e ne e dumeletswe kwa tshimologong.
Romela foromo ya kopo le palo e e kailweng ya dikhopi tse di tlhokegang go Mokwadise wa di-GMO.
Romela khopi e nngwe gape ya kopo, e mo go yona go se nang tshedimosetso ya sephiri ya kgwebo, go Mokwadise wa di-GMO.
Duela madi a a beilweng .
Romela pegelo/raporoto ya ditiro tse di konoseditsweng mo nakong e e fetileng .
Romela bosupi jwa dikitsiso tsa phatlhalatsa .
Bakopi ba tshwanetse go dirisa dikaelo tse di latelang:
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Mokwadise, netefatsa gore kopo e matshwanedi go ya ka ditlhokego tsa Ditshedinnye tsa bolosika tse di fetotsweng , 1997.
Komiti-Keletso e sekaseka data/dintlha tsa bosaense tse di rometsweng ga mmogo le lekwalokopo mme e dire dikatlenegiso malebana le pabalesego ya tiro e e kopiwang mo go Khansele ya Khuduthamaga.
Mokwadise o amogela dikakanyo tsa batho mo nakong e a e filweng.
Khansele ya Khuduthamaga e dira tshwetso malebana le kopo, ba lebile kopo ka boyona, dikatlenegiso tsa Komiti-Keletso,dikakanyo tse di rometsweng ke batho,ditlamorago tse e ka nnang le tsona mo dtheong tse di jaaka temothuo, boitekanelo, tikologo,ditiro, kgwebo, saense le thekenoloji ga mmogo le tlhabololo ya thekenoloji.
Fa tshwetso ya Khansele ya Khuduthamaga e le e ntle,Mokwadise o dumelelwa go aba phemiti.
Diphemiti tsotlhe di tsamaya mmogo le mabaka a di a beetsweng.
Batlhatlhobi go tswa kwa Lefapheng Temothuo ba tlhokomela gore mabaka a a beilweng mo phemiting a a diragadiwa.
Godimo
Tlhotlhwa
